Breaking News

Puso e tlodisa barui melatswana

11 Aug 2015

Barui ba dipodi bangwe ba lebogetse puso go ba inola mo isong.

Mme Tirafalo Thaba, morui wa kwa Chanoga, o boletse mo potsolotsong gore o sa le a simolola go rekisetsa puso dipodi ka ngwaga wa 2008.

A re seemo sa botshelo jwa gagwe se fetogile fa go tshwantshanngwa le fa a ne a rekisetsa marekisetso a nama.

Mme Thaba a re, ka nako eo, podi e le nngwe e ne e rekisiwa dipula di le makgolo mabedi mme madi ao a felele mo dijong tsa gagwe.

A re ka puso e reka podi e le nngwe ka makgolo a supa a dipula, o kgona go reka dijo tsa dipodi le tsa dintsa tse di di disang.

A re o dikile a itheketse dikgomo tse pedi ka madi a dipodi tse.

Le fa go ntse jalo, Mme Thaba o gakolotse barui go tsaya thuo ya dipodi tsia a re di bogadi bo gaufi.

O tladitse ka gore dipodi ga di na tiro e ntsi, mme fela o ne a gakolola barui go rua dintsa go ba thusa go disa dipodi tsa bone.

Morui yo mongwe, Rre Ntema Mochaba, o lebogetse seabe sa puso mo go tlhabololeng thuo ya dipodi.

A re theko ya puso e a nametsa e bile e mo rotloeditse go nna le lerato mo thuong ya dihutshane, a tlatsa ka gore pele puso e simolola theko ya dipodi, tsa gagwe tse di nwang mo nokeng, di ne di tshabelelwa ke dibokwana.

A re se, se ne se bakiwa ke gore o ne a sena madi a go di rekela melemo ya dibokwana ka theko ya dipodi e ne e le boutsana.

Rre Mochaba o tsweletse ka gore lenaneo le mo thusitse ka go laola palo ya dipodi tse a di ruang ka a sa tlhoke mmaraka.

Le fa go ntse jalo, Rre Mochaba o kopile puso go ba thusa ka go bula marekisetso a nama ya podi.

A re ntswa ba kgona go rekisa, dipholo tsone di itseelwa fela ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ka di sena mmaraka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagisitswe Dioka

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2015