Mokhanselara o kgothatsa komiti
11 Aug 2015
Mokhanselara wa Bojanala mo kgaolong ya botlhopi ya Maun Bophirima, Rre Luke Motlaleselelo, o rotloeditse komiti ya ditlhabololo ya Xaxaba go tsaya tiro ya yone ka tlhwaafalo.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Xaxaba bosheng, Rre Motlaleselelo a bolela fa go tsaya tiro ka tlhwaafalo go ka thusa mo go tlhabololeng matshelo a batho.
A re komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go itse se motse o se tlhokang mme e bile e tshwanetse go tsaya matshwenyego le dikopo go di isa kwa makalaneng a a lebaganeng.
Rre Motlaleselelo o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo e le yone e itseng letlhoko la kgaolo ka jalo e mo seemong se se botoka go tlhalosa matshwenyego.
A re komiti e tshwanetse go nna e etela kwa di ofising tsa ga mmaboipelego go mo lekodisa ka tsa motse wa bone le gore a ba tlhalosetse ka mananeo a ba ka a tsayang go leka go tokafatsa matshelo a bone.
O boletse fa komiti e tshwanetswe ke go netefatsa gore batlhoki mo motseng ba bona ditlamelo tse di tshwanetseng kgwedi le kgwedi le go netefatsa gore bagodi le babereki ba Ipelegeng ba bona dituelo tsa bone kgwedi le kgwedi.
Rre Motlaleselelo o supile gore fa komiti ya ditlhabololo e sa tseye tiro ka tlhwaafalo, ditlamelo dingwe di tlaa salela kwa morago.
O rotloeditse komiti gore e berekisane le ene go fetisetsa dikopo tsa bone kwa maphateng a ba sa kgoneng go ya kwa go one.
Gape o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go nna mokwatla wa gagwe, e mo lekodise e bo e mo thuse go tlisa ditlamelo tse di ka tokafatsang matshelo a batho mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gomolemo Kwenaemang
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Aug 2015






