Thuto-ga-e golelwe ke makgonatsotlhe
10 Aug 2015
Professor Rebecca Lekoko wa dithuto tsa bagolo kwa mmadikole o tlhalositse fa thuto e tshwanetse go tsewa ka tlhwaafalo ke botlhe.
E rile a bua bosheng kwa Digawana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe go amogana dikitso ga baithuti ba thuto-ga-e-golelwe ba kgaolo ya Borwa, Professor Lekoko a tlhalosa fa thuto e supile maduo ka go thusa baithuti go itshetsa ka go itirela ka diatla ga mmogo le go akanya botoka ka tse di amang matshelo a letsatsi le letsatsi.
Professor Lekoko a re go bala le go kwala ke tsela e e ka fokotsang kgwetlho ya HIV/AIDS ka go ka nna botoka go tlhaloganya mananeo otlhe a go buiwang ka one a thibelo ga mmogo le jone boikgapho. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Acro Maseko, o tlhalositse fa dipalopalo di supa gore baithuti ba thuto ga e golelwe mo kgaolong ya Borwa ba fokotsega ngwaga le ngwaga.
A re ka ngwaga wa 2013 ba nnile le baithuti ba le 1 990 mme palo eo ya wela kwa tlase go ya ko go 1 876 ka ngwaga wa 2014, fa monongwaga ba kgonne go nna le baithuti ba le 1 654.
Rre Maseko a re seemo se se a tshwenya mme ka a le mosha go goroga mo kgaolong ya Borwa, o tlaa dira gotlhe go netefatsa gore palo ya baithuti e a oketsega.
A re o dumela fa se se busetsang maiteko a bone kwa morago e le go tlhoka go bereka thata le magosi, dikomiti tsa ditlhabololo ga mmogo le makhanselara go thusa go supa batho ba ba tlhokang thuto ga e golelwe, mme a re seo e tlaa nna selo sa maloba.
A re ba na le maitlamo e le lephata la thuto, go tokafatsa thuto-ga-e-golelwe, mme ba tlaa leka ka gotlhe go thusa go batlela ba ba dirang ka diatla mebaraka ya go rekisa dithoto tsa bone.
Rre Maseko a re dikgwetlho tse di teng tse di amang thuto-ga-e-golelwe ba a di itse mme ba tlaa leka ka gotlhe go di rarabolola e le lephata la thuto.
Mongwe wa baithuti, Mme Margret Nkwane o tlhalositse fa thuto-ga-e-golelwe e mo thusitse thata ka go itse go bala le go kwala mme o ne a bona tiro ka a ne a kgona go pasa potsolotso ya tiro.
Mme Nkwane a re ntle le pereko ya gagwe, o loga mebese ebile o rekisa le borotho mo go mo direlang dipoelo tse dintsi thata tse a kgonang go tshetsa ba lelwapa la gagwe.. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Godfrey Ramahosi
Location : DIGAWANA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Aug 2015






