Bojale bo palame kwa Ga Malete
10 Aug 2015
Banni ba metse e e kwa ga Malete ba kopilwe go ilela Bojale ka jaana bo satswa go palama.
Kgosi Nobi Moilwa o buile jalo fa a amogela baeng mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen kwa Mogobane bosheng.
A re ba kopile puso gore difofane di seka tsa fofa mo kgaolong ya ga Malete mo kgweding e.
Mo go tse dingwe, Kgosi Moilwa o ne a akgolela puso dinako tsa thekiso ya bojalwa, a supa fa jaanong ba kgona go bona boroko mo motseng wa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Fanuel Nage, o ne a supa fa ba lela ka tlhaelo ya lefatshe, mme go na le lefatshe kwa Seuwane. O tlhalositse fa ba lela ka badirelapuso ba ba ganang go duela matlo a VDC.
Mothusa Tona Frans Van Der Westhuizen, o ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2009, puso ya emisa ditiro tsa ditlhabololo ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo, a supa fa jaanong itsholelo e tokafala. A re Ipelegeng ga se tiro ya sennelaruri, ka e ka se neele batho tsotlhe tse ba di tlhokang.
Rre Van Der Westhuizen o tlhalositse fa ngwaga ono e le wa leuba, mme puso e tlaa duelela balemi bontlha bongwe jwa madi a ba a adimileng kwa CEDA, a a amanang le temo-thuo, mme ba ituelele bontlha bongwe.
O tlhalositse fa bana ba dikolo tse di kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo, ba tlaa fiwa dijo gabedi ka letsatsi.
Rre Van Der Westhuizen a re puso e tsere kgato ya go duela ba-na-le bogole P300, mme ka ntlha ya letlhoko la madi go tlaa duelwa ba ba sa kgoneng sepe gotlhelele.
Mothusa Tona o ne a bolela fa a lekodisa banni gore a ke matimela a nne fela kwa khanseleng kana a fudugele kwa lephateng la temo-thuo.
O tlhalositse fa matimela a turela khansele, ka jaana a nna lebaka le le leele a jesiwa ke khansele pele ga a ka rekisiwa.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Aug 2015






