UDC e ipapatsa kwa Mabule
10 Aug 2015
E rile bosheng, phathi ya Umbrella For Democratic Change (UDC) ya isa ipapaletso ditlhopho kwa Mabule.
Kgang kgolo e ne e le go ipaakanyetsa ditlhopho tsa bopalamente tsa poeletso kwa kgaolong ya Good Hope/Mabule.
Ga reng ga borre le bomme kwa phuthegong eo ya phatlalatsa ga bo go le ntlhopheng wa UDC, Kgosi Lotlaamoreng.
Dibui ka go farologana di ne tsa supa fa Rre Lotlaamoreng e le ene fela yo o tshwanelwang ke go emela Barolong kwa palamenteng.
Maj. Gen. Moeng Pheto o ne a tlhalosa fa Kgosi Lotlaamoreng a sale a itshupile fa a ka nna moemedi wa popota a santse a le kwa ntlong ya dikgosi. Teng kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Lotlaamoreng o ne a tshegeditse maemo a mothusa modulasetilo.
Rre Pono Moatlhodi ene o ne a supa fa Kgosi Lotlaamoreng e santse e le monana ka jalo a santse a ka nowa moro.
O tsweletse a supa fa UDC e sa ntsha morongwa fela, mme ba tlhophile morongwa yo o nang le maitemogelo a kwa godimo mo go tsa molao ka kgosi a ithutetse tiro ya bobueledi.
Mokhanselara, Rre Lawrence Botanka, go tsweng kwa Lobatse, o ne a gakolola bangwe ka ene mo phathing fa mo lweleng kgololesego bangwe ba tlhaelela mo tseleng e le ka mabaka a a farologanyeng.
O ne a tswelela a kopa maloko a UDC go se kgobiwe marapo ke dikgwetlho mme ba tswelele ba kgaratlhele go fetola puso.
Kgosi Lotlaamoreng o ne a kopa banni go mo tlhopha go ya go ba emela kwa palamenteng. O ne a supa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago mo kgaolong.O tlhalositse fa seemo sa metsi e se se itumedisang.
A re batho le leruo ba bolawa ke lenyora ka jalo a ya go lwela go tokafatsa seemo se ka go kopa gore go agwe matamo a metsi a leruo mo kgaolong.
Kgosi Lotlaamoreng o ne a solofetsa baagi ba Mabule fa a ya go kopa gore ditsela tsa kgaolo ya gagwe di tlhabololwe go akaretsa le go tshelwa sekontere.
A re fa a ka tlhophiwa go nna mopalamente, o tlaa dira ka gotlhe gore matshelo a batho ba kgaolo ya gagwe a tokafale ka go emela letlhoko la ditiro mo kgaolong ka dinao.
Ditlhopho tse, di tla morago ga gore mopalamente wa pele mo kgaolong e, Rre James Mathokgwane a ithole marapo a bopalamente. Ka jalo diphathi tse tharo tsa sepolotiki e bong UDC, Botswana Congress Party le Botswana Democratic Party di itshupile fa di tlaa bo di lwela kgaolo e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olorato Temogo
Location : MABULE
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 10 Aug 2015






