Monana o akola thuso ya puso
10 Aug 2015
Monana wa moroki wa diaparo, Mme Sarah Mokgadi, o ne tsaa ka tlhwaahalo lenaneno la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo tse di potlana (Youth Fund).
O tlhalositse fa a ne a nna pelotelele mo nakong ye a neng a batla thuso mo lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao gore a kgone go simolodisa kgwebo ya gagwe ka botlalo.
O supile fa lephata le ne la motla matshidiso ka dikete di le borobabongwe le metso e le borataro le makgolo a supa.
“Madi ao a ne a nthusa go reka didirisiwa bogolo jang mechini e e rokang e le merataro, tafole le mo ke beelang diaparo tse di rokilweng le didirisiwa tse dingwe mo teng”, o tlhalositse jalo.
Mme Mokgadi yo dingwana di masome a mararo le motso, a re o ithutetse go roka kwa sekolong sa diatla sa Borolong mme a fetsa dithuto tsa gagwe ka ngwaga wa 2010 ka setlankana (National Craft Certificate).
O supile fa pele ga moo a ne a sa tsena thata mo tirong ya go roka.
Kgatlhego ya gagwe e ne ya simolola morago ga gore a roke digaretene ka a ne a dira dithuto tsa home management.
“E rile fa ke sena go hetsa sekolo kwa Borolong ke ne ka simolola go reka hela mo lapeng ke dirisa mochini wa mo lapeng.
Ke ne ke rokela batho ka go farologana bogolo jang ba ba neng ba itse fa ke tswa go ithutela go roka.
Mme e rile ke sena go bona thuso ya madi ke ne ka atolosa mo ke ileng ka kwadisa le leina la kgwebo la Sew Wise Fashions”, o tlhalositse jalo.
A re mo nakong ya gompieno o roka diaparo tsa manyalo le tsa batho ka bongwe ka bongwe, mme pelo ga moo o tshwantsha se a batliwang se rokiwa gore moreki a kgotsofalele tebego ya sone.
O ne a supa fa kgwebo e le ntsi thata fa ngwaga o ela go fela ka ba kgona go nna le bareki ba le masome a mane fa tiro e le ntse mme fa go sena sepe se se kalo ba ka nna lesome le metso e meraro.
O ne a supa fa a thapile mmereki a le mongwe go thusa mo kgwebong gore a seka a bolawa ke tiro e ntse mo go ka fokotsang boleng jwa dilwana tse a di rokang.
Mme Mokgadi o ne a tlhalosa fa a tsena dikgaisanyo tsa ga Tautona tsa baroki mme mono ngwaga a tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng.
O supile fa di le botlhokwa ka di mofa sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe, go rotloetsa go tokafatsa boleng ba diaparo le go tokafatsa botsipa ba go roka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Vincent Rapoo
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 10 Aug 2015


