Breaking News

Bagwebi ga ba a kgotsofalela theko

10 Aug 2015

Bagwebi ba ba neng ba rekisa dijo, dino le dimonamone kwa mabelong a dipitse a Kokotsha bosheng ba supile fa ba sa kgotsofalela theko.

Mme Zelma Titus o supile fa e ne e se lantlha a tla go rekisa mme maitemogelo a gagwe e le gore batho ba ne ba sa tla ka dipalo tse di nametsang ka jalo a sa rekisa jaaka a ne a solofetse. 

Mme Titus a re ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba kgobokantse madi a ba rekileng dijo le ditsompelo tse ba di dirisitseng go baakanyetsa bareki. 

A re seo ke se ba se dirang ngwaga le ngwaga mme a re ngwaga ono ga ba a bona dipoelo tse di nametsang. 

Mme Janet Saseng, mongwe wa bagwebi yo o neng a rekisa dijo tse di apeilweng, ene o ne a kaya fa e ne e le lantlha a tla go rekisa. 

O ne a kaya fa a lemogile gore batho ga ba kgatlhegele go ja dijo dingwe tse a neng a di apeile, a re ba ne ba batla phaletshe le nama e e besitsweng. 

O kaile gape fa palo ya mekhukhu e le ntsi jaanong seo se ba baya ka fa mosing ka ba lebile palo e nnye ya batho.

Mme Besie Medupi o ne a supa fa a nameditswe ke ka fa a reketsweng ka teng.

Mme Medupi a re ene o lemogile fa batho ba kgatlhegela dijo tse ba sa di jeng malatsi otlhe kwa malapeng. 

O tlhalositse fa a ne a ikaelela go soka phaletshe a bo a e shabisa ka nama e e besitsweng le chakalaka.

Mme Medupi o ne a supa fa dijo tseo di sa mo turela go di reka e bile di le bonolo go di apaya.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa bogakolodi wa komiti ya mabelo a dipitse kwa Kokotsha Rre Johannes Titus o supile fa mekhukhu ya thekiso e okeditswe ka e metlhano go tswa kwa go lesome ka maiteko a go tlhamela banni mebereko ya nakwana.

O ne a rotloetsa bagwebi go ithuta dikeletso tsa baji bareki gore ba kgone ba dire dipoelo tse di botoka. 

A re komiti ya mabelo a dipitse e mo maikaelelong a go kopanya ditlhogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse mo maitekong a go tlhabolola matshelo a morafe le motse wa Kokotsha. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : KOKOTSHA

Event : Mabelo a dipitse

Date : 10 Aug 2015