Breaking News

Komiti e abela motlhoki terata

10 Aug 2015

Komiti ya teseletso tsa dikgwebo mo khanseleng potlana ya Tonota e abetse motlhoki tereta.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, moanamisa mafoko wa khansele ya legare, Mme Tabona Ndoli, a re morago ga go agela Rre Thusego Leso ntlo ka lenaneo la go agela batlhoki matlo, ba bone go tshwanela go tsenyetsa rre yoo terata.

O ne gape a re se ba se dirile ka go kopa leloko lengwe le lengwe go aba dipula di le lekgolo mme mo godimo ga moo ba kopa dithuso go tswa mo dikhamphaneng.

Mme Ndoli o ne a tlhalosa fa ba ne ba ikopanya le ofisi ya boipelego go ba thusa ka maina a batlhoki mme Rre Thubego a nna ene yo o sego.

A re se ke moono wa bone wa go thusa ba ba sa kgoneng go itirela ka go sala morago Vision 2016. Komiti e ne ya tsaya matsapa a go tsenya terata e ka bo bone ele maiteko a go busetsa mo setshabeng.

E rile a tswa la gagwe, Rre Thubego a re o lebogela terata ka a ne a tshwenngwa ke batho ba ba ralalang jarata ya gagwe.

A re o ne a tlhokafalelwa ke mosadi ka 2010, mme se se ne sa mo ketefalela ka a ne a tshwanelwa ke go godisa bana ba babedi a le nosi, mme a boa a tlhalosa fa a godile a nna mo metseng ya batho, jaanong ka a na le wa gagwe, botshelo bo le botoka.

Rre Thubego a re o tshetsa bana ka dijo tsa mophako ka ene a sa tlhole a kgona go itshwarela ka oo mabedi ntateng ya bohohu le bolwetse, mme a tlhalosa fa le tsone dijo tseo di sa ba lekane sentle. BOPA

Source : BOPA

Author : Badisa Nkobela

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 10 Aug 2015