Breaking News

Banana ba itlhamela mebereko

10 Aug 2015

Go lebega seemo sa letlhoko la ditiro se se tsweletseng ka go tshwenya lefatshe leno ka bophara se tlaa tokafala, ka Batswana bangwe ba sa itshophara fela mme ba tsweletse ka go loga maano a go itlhamela mebereko.

Mme Rosinah Tsemane yo o tlholegang kwa Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, ke mongwe wa banana ba ba neng ba bona go le botoka go ipatlela meamuso ya itshetso ka go itshwarela ka diatla.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Tsemane wa dingwaga tse di masome mararo le bone a re o simolotse ka go bereka mo madirelong a go dira meriri a le mmalwa mme a boloka bontlha bongwe jwa dituelo tsa gagwe, ka tota a ne a na le toro ya go ipona a ipuletse kgwebo e e leng ya gagwe a sa bereke ope.

Ditoro tsa mme yo, di ne tsa fetoga nnete ka ngwaga wa 2005, ka a ne a kgona go ipulela kgwebo ya go loga le go ntlafatsa moriri ya Black Lady Hair Salon.

A re o ne a fudugela kwa Takatokwane go simolola tiro ka tota a ne a lemogile fa kwa a tlholegang teng kwa Mantshwabisi kgwebo e se e e kalo.

O kaile fa a ne a hirisa lefelo le a direlang mo go lone, mme a nna a thapa badiri bangwe ba nakwana fa kgwebo e le botoka. A re banni ba motse wa Takatokwane le e e mabapi ba ne ba kgatlhegela tiro ya gagwe fela thata, mme a lemoga fa kgwebo ya gagwe e le nnye mme e tlhoka go atolosiwa.

A re o ne a ikopanya le ofisi ya banana e e mo motseng go ikopela lengwe la mananeo a puso go godisa madirelo mme ka lesego a atlega a bona thuso ya madi a a ka tshwarang P58 544 ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund.

O supile fa a ne a reka didirisiwa tse a neng a di tlhoka, le go hirisa lefelo le legolwane mme mo bogaufing a thapa banana bangwe ba bararo e le tsela ya go leka go tokafatsa matshelo a bangwe ka ene.

A re o dumela ntle le pelaelo gore e tlaa re ngwaga o o tlang, kgwebo ya gagwe e bo e tsabakela ebile e godile fela thata. A re toro ya gagwe ke go e bona e aname lefatshe leno ka bophara e bile e tlhametse bontsi jwa banana diphatlha tsa mebereko.

Mme Tsemane a re go dirisa diatla tsa gagwe go tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go itshetsa le bana ba gagwe ba bararo, mme a gwetlha balekane ba gagwe go tsoma methale ya go itshetsa.

O kaile fa thuto e se yone fela e e ka betlelang motho bokamoso ebile go tlhoka go rutega e se bokhutlo jwa botshelo, ka jaana go na le ditsela tse dintsi tse motho a ka itshetsang ka tsone go ikapola lehuma.

A re go botlhokwa thata gore banana ba nne tlhaga le go emela matshelo a bone ka dinao, segolo jang ka puso e tlhamile lenaneo la banana go ba ema nokeng go tlhabolola dikgwebo tsa bone.

Le fa go ntse, o supile fa go kgala ga metsi le kgaogo e e ko godimo ya motlakase e le kgwetlho e kgolo mo kgwebong ya gagwe ka jaana bareki ba kgona go tswa kwa mafelong a a kgakala mme ba boe ba sa thusega, mme se e nne poelo morago.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 10 Aug 2015