Kompone e abela VDC ya Mandunyane dikobo
10 Aug 2015
Komiti ya ditlhabololo tsa motse mo motse wa Mandunyane e abetse banni ba motse dimpho tse di akaretsang dikobo go tswa mo komponeng ya Trindoy ya Francistown bosheng.
Fa a amogela batho mo kgotleng kwa motseng oo, Kgosi Moila Moabi a re Jehofa ke ene a tsisitseng thuso mo motseng wa bone.
A re mokgosi wa ga Tautona o amogelesegile mo setshabeng ka ke sone ba ileng ba kgobokana mo kgotleng go tla go abela bangwe dimpho.
O tlhalositse gore ba aga ba utlwa thulaganyo ya go nna jalo mo diromamoweng, dipampiri le sesupa ditshwantsho, fa Tautona a tsamaya a abela batho dimpho.
Kgosi Moabi o kgothaditse morafe gore ba tswelele ba rapelela Tautona gore Modimo a mo dirise thata. O kopile morafe gore ba ba sa bonang sepe ba itse gore nako nngwe ba tlaa kgona go amogela le bone, ka jalo ba rotloetse ba ba amogelang dimpho.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Ookeditse Jenamo fa a tlhalosa ka maikaelelo a letsatsi, o tlhalositse gore ba lebogela letsatsi ka kompone ya Trindoy.
O tlhalositse gore kompone e e okametswe ke Rre Muhammad Hanif Ali Vaid. Rre Jenamo o boletse gore Rre Hanif o kopile maitshwarelo gore a bo a seyo ka gore o tshwerwe ke dilo dingwe.
O tlhalositse fa a ba abetse dikobo di le masome a matlhano mme a re ba lebogisa Rre Hanif le kompone ya gagwe ka dimpho tseo.
Gape o tsweletse ka go tlhalosa gore mo go tlhopheng maina a batho ba ba tlaa amogelang dimpho, ba ne ba lebile bagolo thata go tswa mo dikgotlaneng ka go farologana, mme mo bananeng ba ne ba lebile botlhoki.
O tlhalositse gore ba ne ba leba mo bathong ba e leng gore ga ba yo mo go mma boipelego mme ba kopile botsadi mo motseng go ba baya fa pele ga ga ramasedi gore ba kgone tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa mo motseng.
Pele a aba dimpho, Kgosi Pono Joel o kopile gore dikobo e nne tsa ba ba di abetsweng, a re ba seka ba di rekisa ba ithuse ka tsone mo marigeng.
O ba tlhaloseditse gore ga ba a tshwanela go di aba jaaka dimpho mo manyalong ka ba di abetswe gore di dirisiwe ke bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Christa Lebane
Location : MANDUNYANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Aug 2015






