Breaking News

Baoki ba aga lefelo le go gotlholelwang mo go lone

10 Aug 2015

Baoki ba Boswelakoko Le ba Boswelakoko TB Support Group mo kgotleng ya Boswelakoko mo Molepolole ba ikagetse lefelo le go gotlholelwang mo go lone. Selo se se sa tlwaelesegang ka dikokelwana ka bontsi di dirisa ditlhare e le mafelo a go gotlholelwang mo go one.

Lefelo le le dirisiwa ke balwetse ba kgotlholo e tona, le balwetse ba ba tlang kokelong ba supa dikai tsa kgotlholo e tona, ba dira jaana e le maiteko a go laola kanamo ya megare e e bakang bolwetse jwa TB. Se se builwe ke mooki yo o itebagantseng le kgotlholo e tona ebile e le mogolwane gone mo kokelwaneng ya Boswelakoko, Mme Mary Mokwele mo potsolotsong.

Mme Mokwele a re e le baoki ba kokelwana e, ba ne ba lemotsha balwetse ba kgotlholo e tona mmogo le batlhokomedi ba bone botlhokwa jwa lefelo le go gotlholelwang ko go lone ka jaaana kokelwana ya bone e faroloana le tse dingwe ka e sena matlhabaphefo kgotsa diphatlha tse ka tsone phefo e ka tsenang e bo e tswa motlhofo, mme se se dire gore megare e e bakang bolwetse jwa kgotlholo e tona e aname ka bofefo go bo go felela go na le balwetse ba basha ba kgotlholo e tona.

Mme Mokwele o tlhalositse gore morago ga go buisana le batsaya karolo, ba Boswelakoko Home Based Care, Boswelakoko TB Support Group le badiri ba Ipelegeng ba ne ba ikopanya go aga ntlo ya Setswana e le yone lefelo le go gotlholelwang mo go lone,mme a re tlhokomelo ya lefelo le go akaretsa go shafadiwa ga yone go tlaa bo go dirwa ke ba Boswelakoko TB Support Group.

Mme Mokwele o boletse gore mabaka a a dirileng gore ba age ntlo ya Setswana ke gore dilo tse di didirisiwang go aga ntlo ya Setswana ke tsa tlholego jaaka dikgobati, bojang le mabalelo ka jalo di sa lope madi a mantsi go di batla. A re gape ba dirile se e le tsela nngwe ya go supa ngwao le go rotloetsa banana go dirisa di-tsa tlholego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bontle Keikepe

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 10 Aug 2015