Breaking News

Monana o oba letsogo ka mekgabisa

09 Aug 2015

Temo ya ditlhatshana le dithunya e thusa monana mongwe kwa Maun go oba letsogo.

Mme Keanole Pekenene o phophoma ka boitumelo ka ditoro tsa gagwe tsa go lema dithunya le ditlhatshana tse di kgabisang di diragetse. A re o simolotse go nna le lerato la go lema ditlhatshana le dithunya ka ngwaga wa 2011.

A re o ne a simolola go tsamaya a sela diemere, dipitsa le dikopi tse di latlhilweng go lemela mo go tsone. Mme Pekenene a re o ne a tsamaya mo baleming ka ene, a kopa dikalanyana tsa dithunya go a go di lema gape.

A re ditlhatshana le dithunya di tlhoka go fiwa lerato ka go nosediwa le go fiwa dikotla. Mme Pekenene a re dithunya tsa gagwe o di dirisa thata go kgabisa kwa kerekeng ka Tshipi le mororo go na le ba ba di batlang kwa meletlong ya manyalo le ya bana.

“Ke eletsa go oketsa dithunya tsa me le go di tlhokomela thata gore di kgatlhise e nne kgwebo ya maemo a ntlha,” a tlhalosa.

Mme Pekenene a re dikgwetlho tse a kopanang natso mo temong ya dithunya ke metsi a gantsi a nang le go kgala ka lebaka ga mmogo le ditshidinyana tse dinnye jaaka ditshoswane tse a reng gantsi o di rekela molemo o o bolayang diji.

Mme Pekenene ga a leba dithunya hela mme o dira jeme ya lerotse, archar, tomato sauce le dinotsididi.

A re ka kitso e a e tsereng kwa sekolong sa Nxaraga, o kgona go dira dijo tse motlhofo.

O  dirisa matute a lerotse go dira senotsididi le jeme, fa dithotse tsone a di gadika di bo di jewa.

O tsweletse ka gore dikgare tsa lerotse le tsone ga a di latlhe, o dira ka tsone lengangale mme a re le mororo a itemela marotse, mo isagong o batla go lema merogo ka go farologana e a ka e dirisang mo archeng le di tomato sauce.

Mme Pekenene a re sebe sa phiri ke letlhoko la madi le yone ntlo e a ka apeelang mo teng dijo tsa mofuta oo.

O tladitse ka gore kapei eo, e batla botswerere le gone go apeela mo ntlong e e sa tsenyeng phefo e ntsi.

A re le ntswa a kgonne go dira jeme e e yang ditshupong kwa Kasane a emetse kgaolo ya Maun, ga a kgona go fitlhelela maikaelelo a gagwe ka a sa kgona go ya ditshupong tse dingwe ka ntlha ya tlhaelon ya madi.

Mme Pekenene o kopile banana bogolo jang ba ba sa atlegang sentle kwa dikolong gore ba seka ba ineela ka botshelo bo le mo diatleng tsa bone. Bokhutlo 

 

 

Source : BOPA

Author : Keagisitswe Dioka

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 09 Aug 2015