Jacobs ga a ipone tsapa
09 Aug 2015
Go sa tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa mmadikole jaaka balekane ba gagwe go ne ga se ka ga kgoba Mme Tshidiso Jacobs marapo.
Mme Jacobs, yo o dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi wa kwa Gakhibane mo kgaolong ya Kgalagadi, o ne a supa fa a tlhaloganya puo e e reng maano a botshelo ga site go sita a loso.
Morago ga go tshela ka ditiro tsa nakwana, Mme Jacobs o ne a gagamatsa a sena go tshola ngwana ka a ne a tlamega go mo tlhokomela.
Ka thuso ya puso, Mme Jacobs o ne a tsena thulaganyo ya katiso ya banana e e itsegeng ka leina la Youth Boot Camp.
Go tsena lenaneo le go ne ga mo ruta gore mo kgwebong motho o itshokela go fenya dikgwetlho tsa botshelo. Fa a sena go anya dithuto tse mo ithutuntsong e e neng e rulagantswe ke lephata la banana le ba sesole sa Botswana,monana yo o ne a thapiwa ke lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES) a direla mo lephateng la banana mo Tsabong lebaka la ngwaga.
Se se ne sa mo fa sebaka sa go ya go bereka le batho le go isa ditirelo tse di kgotsofatsang kwa setshabeng.
Le ntswa madi a katso a ne a le mannye, Mme Jacobs o ne a seka a ipona tsapa ya go itoma molomo wa tlase.
O ne a rwala ditlhako a leba kwa Youth Development Fund (YDF) go kopa thuso ya go simolodisa kgwebo ya kapei ya Giwera Snack Shop kwa Tsabong.
Mme Jacobs o ne a rekelwa kolotsana e e gogiwang e e faphegileng e e diretsweng go apaya.Kolotshana e ne e tla e patilwe ke didirisiwa tsa kapei.
Kgwebo ya Giwera e rekisa dijo tse di akaretsang marotho ka go farologana, matapole a a gadikilweng le tse dingwe.
Monana yo a re dikgwedi tsa ntlha tse tharo fa kgwebo ya gagwe e sena go simologa e ne e dira bontle, mme morago ga dikgwedi tse tharo a simolola go ingwaya tlhogo ka o ne a tshwanela go busa sephatlo sa madi a a thusitsweng ka one.
Le fa go ntse kgwebo ya gagwe e ne ya ya itsetsepela.
Mme Jacobs o ne a ikana gore ga a kake a salela kwa morago ka dituelo.
A kgwebo ya gagwe e santse e tsisa dipoelo tse di nametsang bogolo jang mafelo a kgwedi.
A re bophepa mo madirelong a gagwe bo rotloetsa batho go reka kwa go ene.
Kgogedi e nngwe e Mme Jacobs a e kaileng ke tlhwatlhwa ya dijo tse a di rekisang. O tlhalositse fa bareki ba kgwebo ya gagwe ba seke ba ikotlhaela madi a bone ka sekale le tatso ya dijo di ba kgotsofatsa.
Lerato la ga Mme Jacobs mo kapeing le lone le na le seabe se se golo mo kgalalelong ya kgwebo ka a dira tiro ka lerato le le manontlhotlho. Godimo ga moo o dirisa dibuka tsa madi le go di dupa go bona gore a kgwebo ya gagwe e tsweletse.
Kwa ntleng ga go itshetsa, Mme Jacobs a re o dirisa dipoelo tse go tsamaisa kgwebo.BOPA
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 09 Aug 2015






