Breaking News

Megobagoba e oketsa dikotsi

09 Aug 2015

Go tlhomagana ga  dikoloi tsa megobagoba mo tseleng go na le seabe mo dikotsing tsa tsela. 

Mogolwane wa mapodise a pharakano kwa Ramotswa, Assistant Superintendent Agrippa Gambule, o boletse se mo puisanong bosheng.  A re go le gantsi, bakgweetsi ba megobagoba ba tsamaya ba tlhomagane mme se se sire bakgweetsi ba bangwe le go nna le seabe mo go bakeng dikotsi.

A re bosheng, teraka ya mogobagona e e rwalang dithoto e ne ya thulana le e nngwe mo tseleng ya A1 gaufi le sekole sa mapodise sa Botswana Police College.

Rre Gambule a re dikoloi tse, di ne di tlhomagane mme ya re mokgweetsi yo o kwa pele a fokotsa lobelo, yo o kwa morago a seka a mmona mme a mo thula kwa morago.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa dikoloi tse e ne e le tsa khamphani nngwe kwa Aferika Borwa.

Rre Gambule o ne a gakolola bakgweetsi ba megobagona go letlelela dikoloi tse dinnye go ba tsena ka bogare, a bo a tlatsa ka gore go ne ga seka ga nna le dikgobalo mo kotsing eo.

Mo go e nngwe tiragalo, Rre Gambule a re koloi ya mogobagoba e ne ya wa gaufi le masimo a Sentlhane fa gare ga Gaborone le Ramotswa.

A re dipatlisiso di supa fa mokgweetsi wa mogobagoba oo a ne a leka go fema kotsi, mme a latlhegelwa ke taolo.

Rre Gambule a re mogobagoba o, o ne wa digela ditshipi tse o neng o di rwele mo tseleng.

O ne a tlhalosa fa ba santse ba le mo patlong ya mokgweetsi o o neng a baka kotsi eo mme a inaya naga morago ga go bona mogobagoba o menoga.

 

A re mokgweetsi wa mogobagoba o ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana kwa Bamalete Luthren Hospital mme a gololwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : Ramotswa

Event : Puisano

Date : 09 Aug 2015