Breaking News

Manweenwee a inisa banni ka je

09 Aug 2015

Mapodisi a Tsabong a tlhagisa setshaba go nna podi matseba mabapi le manweenwee mangwe a go belaesegang a amoga bangwe batho madi ba re ba rekisa ditsha.

Tlhagiso e, e ntshitswe ke Superintendent Howard Modo mo puisanong bosheng. Superintendent Modo o ne a tlhalosa fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa mabapi le go rekisetsa mongwe setsha se e seng sa gagwe.

O supile fa tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola gararo, morago ga gore mmelaelwa yoo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Kubung kwa Maun a tsietse mme mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi wa kgotla ya Matlhatlaganyane kwa Tsabong ka madi a a kanang ka P4 000 morago ga go mo supegetsa setsha se e seng sa gagwe a re o a se mo rekisetsa.

Superintendent Modo o kaile fa mo nakong ya gompieno ba sa ntse ba tshegeditse lenweenwee leo fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.

Rre Modo o ne a a tlhalosa fa e tlaa re mo bogaufing monna yoo a isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o tlaa atlholelwa molato wa go tsietsa.

Kwa bokhutlong Superintendent Modo o ne a gakolola setshaba go ikela tlhoko le go nna podi matseba ka dinako tsotlhe ka manweenwee ao, a a tsietsang ka go rekisa ditsha ntswa ba sena tsone. 

Mookamela mapodisi a Tsabong o ne a supa fa tiragalo eo e le ya ntlha e diragala mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa , a kaya fa gantsi ene a e utlwalela e diragala kwa metseng megolo mo lefatsheng leno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Puisano

Date : 09 Aug 2015