Zwala More e rotloetsa temo ya ditlhare
09 Aug 2015
Molaodi wa Bobirwa, Rre Loeto Porati, a re tikologo e botlhokwa mo matshelong a batho. Rre Porati o buile jalo kwa tshimolodisong ya lenaneo la Zwala More kgotsa lema setlhare.
Lenaneo le ne le simolodisiwa kwa Mathathane bosheng. A re ditlhare di thusa go laola loapi, di dira moriti, di thibela kgothego ya mmu le go ntlafatsa lefatshe.
A re mo godimo ga moo, botshelo jwa motho bo ikaegile ka ditlhare ka di ntsha phefo e batho ba e hemang mme a kopa setshaba ka kakaretso go somarela tikologo.
Lenaneo la Zwala More ke mogopolo o o tsileng ka bana ba motse oo ebong Dr Israel Legwaila le Rre Ronald Jibola. Mathathane o kile a bo a na le ditlhare tse dintsi mme dingwe tsa tsone di nyeletse.
Lenaneo le la Zwala More le rotloediwa ke lephata la tikologo ka go ntsha madi le bogakolodi ka letlole la National Environmental Fund. Rre Porati o lebogile Dr Legwaila le Rre Jibola go bo ba ne ba gopola le go gakologelwa gore ba ka direla motse wa bone eng fa ba ntse ba le mo ditirong tsa bone.
A re tiro ya go tlhokomela ditlhare ke ya morafe, a supa fa banni ba Mathathane ba tshwanetse go ema ka dinao gore ditlhare tseo di seka tsa a swa kgotsa tsa senngwa ke leruo.
Rre Porati a re dikgwetlho di tshwana le letlhoko la metsi ga di a tshwanela go nna sekgoreletsi mme ba tshwanetse go dira tsotlhe gore ba kgaogane thothi e e leng teng le tsone gammogo le go di direla moriti gore di seka tsa a swa, le go di tsenyetsa menontshane
Rre Porati, yo o neng a simolodisa tiro eo boemong ja mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi, a re ofisi ya ga molaodi e tlaa ema tiro eo nokeng.
Fa a tswa la gagwe, Dr Legwaila a re ene le Rre Jibola ba ne ba tla ka mogopolo wa go lema ditlhare go busetsa motse o o kwa seemong sa one sa pele.
A re maikaelelo a lenaneo ke go lema ditlhare mo mafelong a maloba go kileng ga bo go na le ditlhare teng mo dikgotleng tsotlhe tsa motse oo.
Dr Legwaila a re maikaelelo a bone ke gore motse oo o nne phepa o bo o nne motala ke ditlhare tse, a re bontsi ja tsone ke tse di kgonang go ka itsetsepela mo kgaolong e.
Modiri go tswa kwa lephateng la tikologo Rre Mosimanegape Nthaka a re lephata leo le itumelela mogopolo o thata ka lephata leo le ka se kgone tiro le le nosi.
Go dira seo a re ba ema ope nokeng ka dithuso tsa madi fa megopolo ya bone e le maleba go ka tlhokomela tikologo, mafelo a ditso gammogo le a bojanala.
O lebogile ba Zwala More gore ba itumelela tirisano mmogo le bone ebile ba santse ba setse morago lenaneo la dithuso tsa madi morago sentle.
Rre Nthaka a re loapi le a fetoga mme go tlhokafala gore batho ba tlhokomele tikologo
Fa Rre Othusitse Solomon go tswa mo khanseleng ya Bobirwa a re ba tshwenngwa ke seemo se go latlhelwang leswe la bana bogolo jang metseto kgotsa dipampers mo tikologong a re seo se kgotlela tikologo.
Lenaneo la Zwala More le ne la tshwara dithuto-dipuisano le banni ba motse le komiti ya ditlhabololo tsa motse ka tshomarelo ya ditlhare tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Tshimolodiso ya lenaneo
Date : 09 Aug 2015






