Go rekisiwa ga lefatshe go a tshwenya
06 Aug 2015
Mokwaledi ko lephateng la makgotla a ditsheko tsa Setswana Mme Sylvia Ramosiane o kopile batsadi go nna le boammaaruri ka dinako tsotlhe fa ba supela batho.
Mme Ramosiane o buile seo le banni ba Mokgomane beke e e fitileng mo phuthegong ya kgotla, a re ba tshwenngwa ke dikgang tse mo go tsone batsadi ba kwalang makwalo a go supela batho gore ke Batswana mme boammaaruri e le gore batho bao ga se Batswana.
A re e tlaa re morago batswakwa bao ba sena go atlega, ba tsere mananeo a a ntsheditsweng Batswana ke puso,e bo e le gone ba simololang go bua ka fa batho ba go nna jalo e seng Batswana e bile ba kgala puso ba re ga e tsamaise dilo sentle ba lebala gore ke bone ba fileng motswakwa wa go nna jalo sebaka seo ka go supa fa e le Motswana.
A re go dira jalo ke go rekisa lefatshe, ntswa e le bone Batswana ba lelang ka gore batswakwa ba bantsi mo lefatsheng e bo e nna bone gape ba ba abelang mananeo.
Mme Ramosiane a re mananeo a, puso e a diretse Batswana, ka jalo a ba kgala a sa kgwe mathe a bo a ba gakolola go emisa go a neela batswakwa.
Banni ba ne gape mo go tse dingwe ba lela ka ditsheko mo kgotleng ya bone, ba re di kgobokane fela ga di sekwe,ba re e rile mokwaledi a sena go nna teng jaanong kgosi a tlhoka go tsoga, ba re seemo se se ba beile ka fa mosing ka jaana ga go sekwe mme melato e diragala letsatsi le letsatsi.
E rile a araba selelo sa banni ba Mokgomane sa gore ditsheko ga di sekwe ka ntlha ya gore kgosi ya bone o lobaka a seo, Mme Ramosiane o ne a tlhalosa fa ba itse gore kgosi ya bone a seyo ka mabaka a botsogo, a tla a re ba tlaa rulaganya gore fa ditsheko di le dintsi ba bone gore a ba ka se tsise kgosi nngwe go tla go sekisa ditsheko gore di fokotsege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : Mokgomane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Aug 2015






