Tshomarelo tikologo ke ya8232 botlhe
06 Aug 2015
Moeteledipele wa botsogo le pabalasego wa meepo ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa(OLDM) Rre Badiri Motlaleng o tlhalositse fa tshomarelo ya tikologo e le maikarabelo a batho botlhe.
Rre Motlaleng o buile se kwa moletlong wa go ipelela phepafatso ya tikologo ya metse ya kgaolo ya Boteti o o neng o rulagantswe ke khansele-potlana ya Boteti kwa Mmatshumo bosheng, o tlhalositse fa tikologo e tlhokwa go somarelwa ke mongwe le mongwe ka dinako tsotlhe gore e seka ya latlhegelwa ke boleng.
A re magae,masimo,meraka,dipolase,madirelo,dimela diphologolo,metsi le sengwe le sengwe se se mo tikologong se tshwanetswe go babalelwa gore dikokomane tse di tlang di di fitlhele di le mo seemong se se kgatlhisang.
O rotloeditse banni ba kgaolo ya Boteti go emisa go tshuba matlakala mo go senang boikarabelo le kelelelo,go dirisa sekgwa jaaka matlo a boitiketso,go baya matlakala fa thoko ga tsela le go latlhela metseto mo mebileng,merakeng le mo masimong,a re tse tsotlhe di tshwanetse go nyelediwa ka di kgotlelela tikologo.
Rre Motlaleng o supile fa batho bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela tikologo le ntswa go le turu go e baakanya ebile go le thata go e busetsa mo mannong, a re puso e dirisa madi a mantsi go alafa malwetse a a amanang le tikologo a a runyang nako le nako jaaka khupelo,letshololo le a mangwe.
O ne a ba rotloetsa go busetsa matlakala mo tirisong ka go dira dithoto ka seo se batho ba ka itshetsang ka go di rekisa le go fokotsa ditshenyegelo a tlatsa ka gore le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la dikoloi tse di baakanyang mafuti a matlakala le letlhoko la matlwana a boitiketso mo mafelong mangwe,meepo ya OLDM e itlhomile kwa pele ka go ikgolaganya le setshaba sa kgaolo ya Boteti mo phepafatsong tikologo.
Rre Motlaleng o ne a akgola komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmatshumo,magosi le ba komiti ya botsogo go bo ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa tshomarelo ya tikologo.
Motse wa Mmea o ne wa tsaya maemo a ntlha mo metseng e e mebotlana mme wa ikgapela P700 fa maemo a ntlha a gapilwe ke Mmatshumo mo metseng e megolwane mme wa ikgapela P1000 fa maemo a ntlha a ne a tsewa ke Mopipi mo metseng e metona mme wa ikgapela P1200 le ditanka tse di latlhelang matlakala di le tlhano.
Moletlo oo, o ne o tshwerwe ka fa t lase ga setlhogo se se reng”Bonno jwa me,lebopo la rona,ke boikarabelo jwa rona”. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oarabile Mawele
Location : Letlhakane
Event : Moletlo
Date : 06 Aug 2015






