Re Aga Mmogo e neela ba-na- le -bogole lentswe
06 Aug 2015
E re ka Motswana a rile setshwarwa ke ntsa pedi gase thata, ba-na-le-bogole kwa Metsimotlhabe ba ipopile mme ba tlhama mokgatlho wa Re Aga Mmogo o o tlaa nnang lentswe la bone.
Mo potsolotsong le BOPA moeteledipele wa lekgotla leo, Mme Dinah Kgatwane a re ba tletswe ke mogopolo oo wa go ipopa gore ba tle ba nne lentswe le le lengwe ka ba lemogile gore fa ba kgaogane ga gona sepe se ba ka se kgonang.
A re gape ba gwetlhilwe ke dikgwetlho tse ba-na-le-bogole ba lebaneng natso mo motseng wa bone di tshwana le lehuma le letlhoko la ditiro.
A re ntswa Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a ikiteile sehuba go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng jaaka ba-na-le-bogole go lebega e kare badirelapuso bangwe bone ba batla go busetsa maiteko ao kwa morago ka go lebega ba sa batle go ba thusa.
A re le fa go ntse jalo mokgatlho wa bone o na le dikgwetlho di le mmalwa jaaka letlhoko la madi ka nako e ntsi ba patelesega go ntsha mo dipateng tsa bone.
O tsweletse ka gore gape bontsi jwa batho ba a berekang nabo ke batho ba ba senang bogole mme se se dire gore ba tlogele mo tseleng, mme se se mo ketefaletse tiro le mokgatlho o sokola go dira ditiro tsa one tsa letsatsi le letsatsi.
A re le fa go ntse jalo ga ba kitla ba itlhoboga go fitlhela ba goroga kwa maikaelelong a bone.
A re mokgatlho o o buletswe ba-na-le-bogole botlhe, batlhokomedi ba bone le batho fela ba ba sa tsheleng ka bogole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thabiso Keiphetlhetswe
Location : Metsimotlhabe
Event : Potsolotso
Date : 06 Aug 2015






