Breaking News

Monni wa Sehithwa o akgola puso

06 Aug 2015

Mme Tsholofelo Tiroyakgosi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe, wa kgotla ya Kgalagadi kwaSehithwa, o akgola lenaneo la nyeletso lehuma go bo le mo inotse mo lehumeng la nta ya tlhogo.

O buile mo potsolotsong bosheng fa lephata la boipelego le ne la tsaya tshwetso ya go mo tsenya mo lenaneong la nyeletso lehuma ka kgwedi ya Moranang 2014.

 Mabaka e ne e le go bo a na le bokoa mo mmeleng, ka jalo go mo paledisa go direla bana ba gagwe.

Mme Tiroyakgosi o ne a itlhophela thuo ya dikoko tsa Setswana.

Puso e ne ya mo abela dikoko di le masome a mabedi le botlhano, gore a simolodise kgwebo e e tlaa mo tshetsang le ba lelwapa la gagwe. 

A re o ne a seka a ipona tsapa, a amogela kgwebo e ka diatla tsoopedi.

O ne a tlhalosa gore mo bogompienong, dikoko tse di atile e bile di masome a mane le bosupa ka palo.

Mme Tiroyamodimo o ne gape a supa fa monate wa go rua dikoko ke gore puso e ba rekela dijo tsa dikoko ebong moroko, mabele le tse dingwe ka jalo go hema gore ba dirise dipoelo tsa bone.

A re o na le bareki ba ba mokawana mo motseng. O rekisa dikoko tse di namagadi P55 fa mekoko e le P100.

O kaile fa lephata la boipelego ga mmogo le ba lenaneo la nyeletso lehuma e le batho ba ba boineelo ebile ba dira tiro ya bone ka
manontlhotlho. 

Se, se ne sa mo rotloetsa gore a tie moko e bile a nne pelotelele mo kgwebong ya gagwe.

O tsweletse gape a re o eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka go aga tshingwana ya merogo, a dirisa motshotelo wa dikoko tsa gagwe. Se se tlaa dira gore a nne le dipoelo tse di botoka go feta fa.

E re le ntswa kgwebo nngwe le nngwe e seke e tlhoka dikgwetlho, o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e lebaganwe ke kgwetlho ya dibatana tse di mo jelang dikoko. 

Se se ka tswa se dirwa ke gore o santse a kgobokanya madi a go aga legora le le nonofileng go kganela dibatana tse. BOPA

Source : BOPA

Author : Segolame Seidisa

Location : Sehithwa

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2015