Kgosi o rotloetsa dikereke
06 Aug 2015
Kgosi Royal Nkomani wa kgotla ya Madikwe kwa Tutume o rotloeditse dikereke go nna le seabe mo tsamaisong ya metse le lefatshe ka kakaretso.
Kgosi Nkomani o buile jalo mo bokopanong jwa kabo ya dimpho go tswa kwa kerekeng ya Hermon Apostolic church in Zion.
Kgosi Nkomani o ne a re o rata thata fa dikereke di nna le bokao mo matshelong a batho.
A re go na le matlhasedi a dikereke tse di tsepameng mo lefokong le go tlhokomela tumelo.
Kgosi Nkomani a re dikereke di tshwanetse go rerisa boeteledipele gore ba tshwaraganele tiro ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.
A re ntleng le go rotloetsa poifo Modimo, kereke e bopa setho, setshaba se se ratanang gape se amogelana. Kgosi Nkomani a re o rotloetsa dikereke ka go farologana go nna di phuthega go rapelela motse.
Kgosi Nnga Moatswi ene o tlhalositse fa kereke e boloka matshelo.
A re go molemo gape gore fa dikereke di batla go ka thusa mo matshelong a batho ba motse ba itsise baeteledipele ba motse pele.
Ka go dira jalo ba ka itsisiwe batho ba motse gape ba seke ba tsewe jaaka dirukutlhi.
O tlhalositse gore o fitlhela batho ba sa rerise bagogi ba motse mme ba dirisa motse wa bone.
Kgosi Moatswi o ne a tswelela ka gore Modimo o segofatse kereke ya Hermon Apostolic Church in Zion ka se ba se dirileng se le molemo thata.
A re mo ditsong ga go ise go ke go nne le tiro ya go tshwana le e e dirilweng ke ba kereke ya Hermon Apostolic Church in Zion, a re o akgolela ba kereke eo go bo ba kgonne go tla ko go bone ba bo ba kopa go ba imolola morwalo.
A re ka e bile paka e le ya mariga dimpho tsa dikobo di tlaa tlodisa bana ba ba di abetsweng serame di ba boloke.
O ne a re o ka eletsa mamphemphe a dimpho go tswa le ko dikerekeng tse dingwe go bontsha ba bangwe lorato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Aug 2015






