Breaking News

Mmatla kgwana ya gaabo...

06 Aug 2015

Rre Fane Kagelelo  wa Ghanzi o dumela fa e le ruri mmatla kgwana ya ga gabo a seka a a swa lentswe.

Rre Kagelelo, yo o dingwaga di masome marataro le botlhano, ke sekao sa bopelotelele. Ga a ka  a tsholetsa diatla ka boitlhobogo fa dilo di sa mo tsamaele sentle.

Le ntswa e le mogodi, ga a ipona tsapa mo go soleng mananeo a puso molemo.

O foroma ditena tsa kago kwa Ghanzi.

Rre Kagelelo o simolotse tiro e ngwaga ono o simologa morago ga go nna lebaka le le leele ka tshokolo. Fa a sena go lemoga fa puso e phutholotse seatla ka mananeo a go tlhabolola matshelo a batho, o ne a seka a nna moriti o tsididi mme le ene a iteka.

O tlhalositse fa a bone go le botlhokwa go kopa dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba mo thuse ka madi go ka simolola go foroma ditena, tiro e a supileng fa e tlaa mo tiisa moko thata ka a kile a e bereka fa a santse a le mo dingwageng tsa bonana. 

Rre Kagelelo a re ba nyeletso lehuma ba ne ba mo thusa ka dikete tse di lesome le bobedi tsa dipula go ka simolola kgwebo ya gagwe. “Tiro e ke e rata fela thata ka gore ke kile
ka e dira ke sone ke tlhophileng yone” ga bua ke Rre Kagelelo.

Nngwe ya dikgwetlho tse Rre Kagelelo a kopanang le tsone ke mofuta wa motlhaba o a o dirisang a re o boleta thata mme o solofela go bona o o siameng go tsweng kwa Hanahai.

Mme a re fa a sena go reka motlhaba o, maikaelelo a gagwe ke go rekisetsa lenaneo la nyeletso lehuma ditena tsa gagwe go ka leka go thusa mo lenaneong la go agela batlhoki ba bangwe matlo ka lenaneo le ne le supile kgatlhego mo go seo. 

Mo nakong ya gompieno, Rre Kagelelo o supile fa a kgonne go thapa badiri ba le bane fela mme botlhe e le borre fela ka tiro eo e tlhoka mashetla a motho wa rre. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bantshwanetse Kebalepile

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 06 Aug 2015