Balemi ba gakolotswe go adimana8232 masimo
06 Aug 2015
Balemi ba Mookane mo kgaolong ya Legare ba rotloeditswe go tswa ka ditselana tse masimo a ka dirisiwang ka teng go dira dipoelo.
E rile a buisa phuthego ya kgotla mo motseng oo bosheng, molomaganyi wa tsa temo Rre Galeitsewe Ramokapane a tlhalosetsa banni fa puso e tshwentswe ke masimo a a fetogileng naga, le ntswa lefatshe le tlhaelelwa ke dijo.
Rre Mokapane a re metse e tshwanang le Mookane o o kileng wa bo o tumile ka temo ebile o jesa bontlha bongwe jwa lefatse ga e sa tlhole e na le kgatlhego mo temong.
A re dipatisiso di supa fa motse o e le one o o nang le lefatshe le lentsi le le abetsweng go lengwa ka le na le diekere tse di ka tshwarang dikete tse di lesome mme go lemiwa fela tse di dikete tse tharo.
A re puso e batla tharabololo mo kgannyeng ya kwelo tlase ya temo mo lefatsheng mme e sekaseka megopolo e mebedi e balemi ba ka ikgethelang fa ba sa tlhole ba na le bokgoni ja go ka a lema.
Balemi ba ka itlhophela gore ba adime bagwebi ba batona ba ba ka kgonang go lema gore ba leme mme bone e le beng ba masimo ba atswiwe ke bagwebi bao ba ntse ko malwapeng go na le gore ba nne le dikgwa tse ba sa di lemeng.
A re mogopolo o mongwe ke gore puso e tsee maikarabelo mme e tlhabolole ditshimo tse di sa lengweng e bo e dira tumalano le bagwebi ba temo go lema mme beng ba one ba boelwe ke bontlha bongwe jwa dipoelo.
A re balemi ba ba tsayaang dipeo ba bo ba lemelwa ke puso mme ba bo ba sa tlhokomele temo ya bone go tlaa emisiwa gore ba bone dithuso tse ka e le tshenyegelo mo pusong.
O solofeditse balemi gore tirisano ya bone le boraditerekere e tlaa tokafala ka ba utlwile dikgotlhang tse ba nnileleng le tsone mme ba tlaa netefatsa gore go hirwa batho ba ba itseng go lema mme gape boraditerekere ba tlaa kgaoganngwa ka masimo a ba a lemang.
A re se se tlaa dira gore go lengwe mo nakong e khutshwane ka pula e na e le nnye mme bokgola le jone bo nyelela ka bonako.
E rile fa a lekodisa sebui sa tlotla modulasetiolo wa komiti ya balemi Rre Boitumelo Tsebekgale a supa fa ba nnile le mathata fa go tsenngwa terata ya go kgaoganya mafudiso ka se se ba tsere lebaka mme le jaana ba ise ba fetse.
Rre Tsebekgale a re e le ba komiti ya balemi ba lemogile gore fa ba ka gokelelwa metsi le motlakase ko masimo ba ka bona thobo e tokafala ka di ka ba tlhofofaletsa tiro.
A re letlhoko la koloi mo ofising ya ga molemisi le ba ketefaletsa tiro ka ba sa kgone go tsamaya le masimo go bona tswelelo pele ya balemi,ofisi ya ga molemisi le yone e nnye.
O tlhalositse fa mo motseng wa bone dituelo tsa batho ba ba tsenyang tereta di nna di saletse ko morago mme 0 se se dire gore e re le fa ba batla ba ba ka ba thusang ba se ba bone, ka ba kgobiwa marapo ke dituelo tse di tlang nako e ile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mookane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Aug 2015






