Dirisang mananeo a temo-thuo
06 Aug 2015
Modulasetilo wa lekgotla la balemi la kgaolo ya Makoro, Palapye le Tswapong (MAPATSWA), Rre Frank Balone, o kopile Batswana go tsibogela mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola mhama wa temo-thuo.
Rre Balone a re go tlhokafala gore go tlhabololwe mhama wa temo-thuo ka kakaretso.
O ne a bua jalo kwa ditshupong tsa kgaolo-potlana ya Tswapong bokone bosheng. A re mananeo a temo-thuo a a dirilweng mo lefatsheng leno a diretswe gore Batswana ba tlhabolole matshelo a bone gore ba nne le itsholelo e e botoka le go tlhamela ba bangwe ditiro.
Rre Balone o ne a kopa Batswana go tswa mo dikakanyong tsa gore puso ke yone e tshwanetseng go lebagana le namane e tona ya go direla Batswana ditiro mme ba lebe kwa morago ba akanye sesha.
A re Batswana ba ba kgonang ba tshwanelwa ke go bona ditsela tse ba ka tlhamang ditiro ka tsone bogolo jang ka mhama wa temo-thuo ka o na le bokgoni mme go seka ga ikaegiwa ka puso fela gore ke yone e tshwanetseng go tshwenyega ka letlhoko la ditiro.
Mo go tse dingwe Rre Balone o ne a bolela fa go ne ga lemiwa diekere di le 13 970 mo temong e e sa tswang go feta mme diekere tseo di le kwa tlase fa go lebilwe mo temong e e neng ya tsena pele ga eo ka go ne ga lemiwa diekere di le 29 000.
Fa a itebaganya le tsa leruo, Rre Balone o ne a kopa barui go dirisa lenaneo la kgwediso ka seatla. A re lesaka la kgwediso ka seatla la Makoro le kgona go tsenya dikgomo di le 300 mme mo nakong eno go ikwadisitse barui ba le 175.
A re se se supa fa barui ba sa tsibogele lenaneo la kgwediso ka seatla.
Rre Balone o ne a rotloetsa barui go dirisa methale ya segompieno ya temo-thuo e tshwana le go somarela bokgola, go tsenya monontshane mo mmung le go laola diji mo mmung.
Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a supa fa ditshupo tsa kgaolo- potlana ya Tswapong bokone di sa tsamaya sentle ka bontsi jwa batho ba ne ba sa di kgatlhegela.
A re ga go itumedise fa banni ba sa kgatlhegela ditshupo tseo mme di na le mosola mo matshelong a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Ditshupo
Date : 06 Aug 2015






