Breaking News

Batlhophi o tshwenngwa ke 8232thekiso ya lefatshe

05 Aug 2015

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Mokhanselara Thomas Batlhophi, o kopile banni ba kgaolo eo go emisa go rekisa ditsha tse ba di abetsweng ke lekgotla la kabo ditsha ka jaana lefatshe le tlhaela.

E rile a buisa phuthego kwa Dutlwe bosheng, Rre Batlhophi a supa fa a sa jesiwe diwelang ke thekiso ya lefatshe mo kgaolong eo. O kgadile seo fela thata a re ga se
tokafatse botshelo jwa motho ka gope fa e se go mo gogela mo khumanegong fela.

A re mo nakong eno, puso e setse e tlhagisitse Batswana ka tlhaelo ya lefatshe mme go a makatsa go bona bangwe bone ba tsweletse ka go le rekisa ntswa ba ka kgona go le dirisa go ikapola kgwetlho ya lehuma.

A re go a tshwenya gore e re motho a kile a abelwa setsha ke lekgotla la kabo ditsha, a bo mo bogompienong a sena fa a latsang tlhogo teng ka ntlha ya gore o rekisitse setsha sa gagwe, mme a kaela botlhe ba ba dirang jalo gore ba tla lelela kgama le mogogoro mo isagong.

Rre Batlhophi o rotloeditse setshaba go tsaya lefatshe ka tlhwaafalo le go tlhaloganya fa e le boswa ebile motho a ka beeletsa mo go lone go direla bana ba gagwe bokamoso. 

O gakolotse botlhe go loga methale ya itshetso ka go hirisa lefatshe gore ba bone letseno la madi go na le go le rekisa.

Go ntse go le foo, Rre Batlhophi o ne a supa fa a tshwenngwa ke go sa tlhabololwa ga ditsha, mme a gwetlha banni bao go ikopela mananeo a tshwana le la SHHA go ikagela matlo, a kaya fa lenaneo le, le le molemo fela thata ka jaana moikopedi a sa lopiwe morokotso.

Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne gape a gwetllha Batswana segolo jang banana go tlhabolola ditsha tsa bone tsa masimo gore ba kgone ba akole mananeo a tshwana le la
temo-thuo la ISPAAD go itshimololela dikgwebo le go intsha mo lehumeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 05 Aug 2015