Breaking News

Mabante ke boikarebelo jwa mong wa koloi

05 Aug 2015

Constable Phenyoemang Baipidi wa sepodisi sa Selebi Phikwe a re go mo maruding a mong wa koloi go bona gore mabante a koloi ya gagwe  a mo seemong se se itekanetseng.

O ne a bua jalo kwa thuto seka-dipuisanong e e neng e rulagantswe ke banana ba mokgatlho wa ipabalelo tseleng kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba kwa Selebi Phikwe.

Constable Baipidi o ne a tlhalosa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya karolo mo go babaleleng matshelo, a tlhalosa gore mopalami le ene o tshwanetse go tlhomamisa gore koloi e a e palamang e itekanetse e seng jalo ke ene a tlaa bong a lebanwe ke molato fa go fitlhelwa a tsene mo koloing e e senang lebante la ipabalelo.

Constable Baipidi a re dipalo di supa fa melato ya go tlhoka go dirisa lebante e golela pele fa go tshwantshanngwa le e mengwe. O tlhalositse gore ka ngwaga wa 2014, melato ya ‘go seka go dirisa lebante’ e ne e le makgolo a supa le lesome le bongwe fa mono ngwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go ema ka kgwedi ya Phatwe e setse e le makgolo a mane le lesome le bongwe se se supa kgolo e e tsitsibanyang mmele.

Constable Baipidi o boletse fa molao o dirilwe ka maikaelelo a gore o seka wa baa ope ka fa mosing, morago ga gore go nne le dingongorego tsa gore mme yo o itsholofetseng ga a tshwanela go dirisa lebante la itshireletso.

Constable Baipidi o ne a gatelela gore molao o patika mongwe le mongwe le bomme ba ba itsholofetseng go nna ba dirisa lebante go sireletsa matshelo a bone le masea a ba a solofetseng.

O ne a tswelela a re bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano ba tshwanetse go rekelwa ditilo tsa mo koloing mme ba pegwe kwa ditilong tse di kwa morago mme ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya mongwe yo mogolwane go tlhomamisa gore ba ntse sentle.

Constable Baipidi a re lefatshe la Botswana le latlhegelwa ke madi a mantis ka lebaka la dikotsi tse di neng di ka femiwa. Kwa bofelong o kgothaditse boradipalamo tsa setshaba go nna ba bua le bapalami go nna badirisa lebante la itshireletso go babalela nako le matshelo.

E ntse e le kwa thuto seka-dipuisanong eo, mma-bontle wa ipabalelo tseleng mme Valencia Mafokate yo e leng monana, o kgothaditse banana ka ene go tsaa boikarabelo ka go supafetse e le bone ba rekang dikoloi ka dipalo tse di kwa godimo.

Dithuto puisano tse di ne di kopanetswetse ke lephata la MVA, ba sepodise, ba ipabalelo tseleng ga mmogo le morafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Thuto puisano

Date : 05 Aug 2015