Breaking News

Ba Nata ba le arametse

05 Aug 2015

Banana ba Nata ba tlhoganya sentle puo e e reng phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmone.

Ka jalo eme ka dinao go dirisa diatla tsa bone go tlola melatswana ya letlhoko la ditiro le lehuma.

Mongwe wa bana bao, Mme Oaitse Andrise, yo o dingwaga di masome a mararo le bobedi o tlhalositse fa a akola maduo a kgwebo ya gagwe ya go loga moriri le go kgabisa dinala.

A re o simolotse kgwebo morago ga go lemoga gore o ka tloga a babalelwa ke tshokolo mme o ne a ikopela madi mo pusong mme a atlega.

Mme Andrise a re tiro ya gagwe ya go dira batho moriri o tswa kgakala a e dira e bile o eletsa go e godisa. 

A re go sa kgoneng go tsweledisa dithuto tsa gagwe ga go a mo nyemisa moko.

O tlhalositse fa a ne a nna a tshwarelela ga nakwana mo dikgwebong tsa ba bangwe go fitlhelela a simolola ya gagwe.

Mme yo a re le fa kgwebo e le boutsana ka dinako tse dingwe, lemmenyana le a le bonang le mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe mme gape o setse a tsere kgato ya ntlha go godisa kgwebo ya gagwe ka go rekisa diaparo le dikobo.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Oteng Siwawa, yo le ene a nang le kgwebo ya gagwe ya go baakanya dikhomputara, a re o bona a le lesego go bo a
bone sebaka sa go dira kgwebo ka se a se ithutetseng kwa sekoleng.

Rre yo o dingwaga di masome a mabedi le boferabobedi yo o tlholegang ko Tsamaya, a re o bone Nata jaaka lefelo la kgwebo ka le etelwa ke batho ba bantsi ba bojanala mme kgwebo ya gagwe e ka thusa thata le ka tsa maranyane a enthanete.

A re go simolola kgwebo go ka tswa go na le dikgwetlho jaaka tsamaiso e ntsi e e tsewang fa go simololwa kgwebo, kwelo tlase ya itsholelo kgotsa ba gaisanya le bagwebi ba bangwe.

Mme o ne a re o rotloetsa gore batho ba nne le maitlamo a go diragatsa le boitshoko, mme a re banana thata o ba rotloetsa go ikemela ka
dinao.

Go sa le foo, fa a ba kgwa kgaba, Mme Lingani Mbaiwa, yo e leng moroki a re tiro ya gagwe e a kgatlhisa, e bile Batswana ba mo eme noke

A re o sa le a kgatlhegetse tiro ya boroki a sale kwa sekoleng, a re gape o ne a kgatlhiwa ke mme mmaagwe a dira ka diatla tsa gagwe.

Mme Mbaiwa a re tiro e supa isago e e ntle mme a re se a se ithutileng kwa sekoleng e ne e le gone tota go roka ka a ne a rata se a se
dirang.

A re go bo a thusitswe ka madi ke puso go mo inotse mo tshokolong le go tlhoka tiro, mme a re le ntswa kgwebo e setse e dira sentle, go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone tse di fokotsang tsamaiso ya kgwebo ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : Nata

Event : Potsolotso

Date : 05 Aug 2015