Boimana jwa baithuti bo a tshwenya
05 Aug 2015
Mokhanselara wa Mopipi, Rre Matshwenyego Shaka, a re boimana jwa bana ba sekole se segolwane sa Mopipi bo ile magoletsa.
O buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa bosheng.
A re dipatlisiso di supa fa bontsi jwa bana bo imisiwa ke borre ba batona mme ba ba senyetse bokamoso ka ba felela ba tlogela sekole.
O tlhalositse fa batsadi ba sa kgalemele bana ba bone fa ba ratana le borre ba batona ka ba kgona go ba rekela dijo.
O tsweletse a tlhalosa fa seemo se sa boimana se ama bana, batsadi, barutabana le motse otlhe ka bophara ka boimana bo oketsa dipalo tsa letlhoko la ditiro le malwetse a tlhakanelo dikobo.
O ne gape a gakolola batsadi go bua le bana ba bone go ba lemotsha fa thuto e tla pele ga dilo tsotlhe e bile e le yone boswa.
Fa a tswa la gagwe Rre Galetingwane Bopadile o kgadile batsadi e bile a supa fa a bona bone phoso ka ba palelwa ke go laola bana ba bone.
O tsweletse a tlhalosa fa a eletsa gore borre ba ba ka tseelwa dkgato ka ba tlhakatlhakanya matshelo a bana ka tlhakanelo dikobo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : Mopipi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Aug 2015






