Kgosi o rotloetsa tshwaragano
05 Aug 2015
Kgosi Dikaelo Tsiang wa Mantshwabisi mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o kopile banni ba motse wa gagwe go dirisana le boeteledipele jwa motse ka se se ka thusa go tsisa ditlhabololo.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mokhanselara wa kgaolo eo Rre Meshack Tshenyego, Kgosi Tsiang a supa fa popagano e le botlhokwa thata mo dinakong tse di thata,
O ne a kopa morafe wa gagwe go nna le boikanyego gore e re ngwaga wa 2016 o tla go goroga le bone ba supe sengwe sa dielo tse puso e neng e di ipeile pele.
O tsweletse ka go supa fa motse wa bone e le mongwe wa metse e e tumileng thata mme ka jalo a ba kopa go o dira phepa ka dinako tsotlhe go itsa go o diga seriti.
E rile a mo kgwa dikgaba mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Galaletsang Tsiang, a tlhalosa fa letlhoko la ditiro mo motseng wa bone e le kgwetlho ka banana ba lwela go bereka Ipelegeng le bagolo ka dipalo tse di kwa godimo. O kaile fa se se ka tswa se bakilwe ke go tlhoka go dira sentle ga balemi kwa masimong.
Mme Tsiang o tlhalositse fa ba leka bojotlhe go phepafatsa motse wa bone sebe sa phiri e le tanka e e nosang motse ka e dutlletse ruri mme se se oke leruo fa gare ga motse.
A re leruo le ke lone le le feletsang le leswafatsa tikologo. O kopile gore puso e oketse dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka go ka nna botoka kgotsa go busediwe lenaneo la puso le go neng go fiwa batho dijo morago ga thobo e e sa nametseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Aug 2015






