Modulasetilo o galaletsa Ipelegeng
05 Aug 2015
Lenaneo la Ipelegeng ke lengwe la mananeo a batho ba ikaegileng ka lone go itshetsa le gone go tlhabolola dikgaolo tsa bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Kudumatse mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Rre Kediemetse Kobe, boletse mo potsolotsong bosheng fa Ipelegeng e hira banni ba Kudumatse ba ka nna masome a marataro le boraro.
A re mananeo a thusa banni go itshetsa le gone go tlhabolola motse wa bone.
Rre Kobe o supile fa lenaneo la Ipelegeng mo Kudumatse le tshwere phage ka mangana ka ba kgonne go baakanya bobeelo jwa dijo tsa bana, ba aga ntlo ya batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV kwa kokelong ya motse gore ba kgone go bua ka kgang tse di ba amang ba phuthulogile.
O tswelela a tlhalosa fa lenaneo le le dirile go le gontsi; go phepafatsa motse le go baakanya matlo a barutabana kwa sekolong se sebotlana.
O tlhalositse fa bosheng ba boloditse letsholo la go kgaola ditlhare tse di tlhogileng phetelela mo tseleng e e gokaganyang motse wa Kudumatse le Mahalapye.
A re ditlhare tseo di ne di tsenya matshelo a bakgweetsi mo diphatseng, a re e le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba bona go le maleba go rema ditlhare tseo.
O tlhalositse fa ditiro tse dintsi di dirwa ke babereki ba Ipelegeng ba ba sa iponeng tsapa, kgang e le go tlhabolola motse.
O tswelela a tlhalosa ka gore babereki ba Ipelegeng ke batho ba ba boineelo,botswerere le bonatla ka ba ise ba nne le bothata bope fela le bone fa ba neetswe tiro go e dira.
A re se se supilwe ke gore ditiro tse di abetsweng Ipelegeng di fetswa ka nako e e beilweng.
Modulasetilo o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le amogetswe ka diatla tsoo pedi ke botlhe mo motseng wa bone mme ebile segolo bogolo le amogetswe ke banana thata go na le bagolo ka gore banana ke bone ba ba amilweng thata ke letlhoko la ditiro le tshotlego.
O ne a tswelela ka go akgola botlhe ba ba nnileng le karolo mo ditlhabololong jaaka bogogi ba motse le Khansele potlana ya Mahalapye mo bontleng bo bo bonwang mo motseng wa Kudumatse ka ntlha ya ipelegeng.
A re botlhe ba ba berekang Ipelegeng ba itumelela lenaneo le ka gore bana ga ba wele mo isong ka lemmenyana le ba le fiwang le ba thusa go reka dijonyana.
Ka eno nako, Rre Kobe o supa fa komiti ya gagwe e itemogela dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba eletsang go bereka Ipelegeng ka nako e go thapiwang badiri.
O kaile fa e ne ya re bosheng ba amogela dipalo tse di kwa godimo tsa banana ba ba ikwadisitseng, a re gape o itumelela gore Ipelegeng e di a banana go tsena mo borukhutlhing le dino-tagi.
Rre Kobe a re monongwaga bontsi jwa batho ga ba a tswa ka sepe kwa masimong ka mabaka a pula e e neng e le boutsana mo lefatsheng leno.
Ka jalo dipalo tse di kwa godimo tse, tsa batho ba ba ikwadisang go tsena mo lenaneong la Ipelegeng e ka tswa e le ka mabaka a gore batho ba dule ba iphotlhere kwa masimong.
O ne a tlhalosa gore palo ya masome a marataro le boraro e le kwa tlase fela thata fa o lebile botona jwa motse wa Kudumatse.
A re o eletsa gore puso e sekaseke seemo se sa dipalo mme fa go kgonega ba oketse dipalo tse di thapiwang mo lenaneong la ipelegeng ka ke lone le le tlhabololang magae.
Rre Kobe a re o na le matshwenyego ka banana ba motse ba ba maoto a tshupa go tsibogela mananeo a mangwe a a ka ba inolang mo lehumeng la nta ya tlhogo.
A re mananeo a tshwana le a nyeletso lehuma a akaretsang go rua dihutshane, go tsaya ditante,dipitsa,go rua dikoko,go roka le a mangwe jalo jalo.
Mo godimo ga moo a re keletso ya bone ke go bona ba ntlafaditse motse wa Kudumatse gore o kgatlhe baeti.
Rre Kobe o ne a galaletsa puso ka maiteko a go fefosa ditlhabolo tsa dikgaolo ka lenaneo la Ipelegeng,a re ntleng ga ditlhabololo,Batswana ba ora molelo wa mariga ka lemmenyana le ba le newang go ka lwantsha dikgwetlho tsa botshelo.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomotse Johannes
Location : Kudumatse
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2015






