UCCSA e aba ntlo kwa Selebi Phikwe
05 Aug 2015
Kereke ya United Congregation Church of Southern Africa (UCCSA) e abetse motlhoki ntlo.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la tsa pereko le selegae mo lekalaneng la bong, Caroline Okello-Wengi, a re kereke e, e diragaditse supile maikemisetso a go thusa ba
ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re dikereke tse mofuta o, di mosola thata ka di thusana le puso go leka go tokafatsa seemo sa botshelo ka puso ka bonosi e ka se kgone.
O ne gape a re se kereke ya UCCSA e se dirang ke go gwetlha dikereke tse dingwe go ema ka dinao go supa lerato le le senang dipaka le go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekano ka batho botlhe ba dirilwe mo tshwanong ya Modimo.
A fa motho a na le ntlo, o a bo a sireleditswe mo go tsotlhe tse di kotsi tse di ka mo tlhagelang.
O ne a wetsa ka gore kereke e thusa thata mo go gakololeng puso e bile puso e tlhamile lekoko la tumedi le le gakololang puso gangwe le gape le go tokafatsa puso ya batho ka batho ka e se motlhofo go nna teng e le ka lebaka la maitlamo a puso le kereke mme seo se tokafatse botshelo.
Modulasetilo wa lekgotla le le neng le dira kago Mme Iris Sitayelo a re bomme ba itumeletse gore ba tokafaditse seemo sa bonno sa mme yo mongwe mme ba dirile seo ka go kgobokanya madi le didirisiwa tsa kago ba sena go leba moalo wa ntlo eo.
O ne a tswelela a re ka ngwaga wa 2014 ka kgwedi ya Mopitlo ba ne ba simolola go epa motheo wa ntlo ba bo ba simolola go kopa dithuso mo maphateng le Batswana ka kakaretso go tlatsa mo go se ba neng ba se tshwere ka bomme ko kerekeng ba ne ba tlhaetse mme o lebogela go phutholola letsogo ga Batswana.
Moruti Edwin Mophato o ne a gakolola setshaba gore ba ikgakologelwe ba thuse ba ba sa kgoneng gore le bone ba bone kagiso mo pelong le gore dikereke tsa bone e nne dikereke tse di nang le thomo ka bone maikaelelo a bone e le kereke ke go tlhakanela ikgaratlhelo ya botshelo le setshaba ba kopanetse seo le puso.
A re kopo ya ga Tautona ya go agela batlhoki matlo e dirile gore kereke e thanye gore thomo ya bone ba e dire ka lerato le mautlwelobotlhoko.
Fa a tswa la gagwe Mme Gadibotsile Seolwane a re o lebogela ntlo e e segofaditsweng ka yone ka botlhe ba ba tsentseng letsogo mo kagong ya ntlo ba tlhotlheleditswe ke lorato lwa Modimo ka ba dirile tiro e kgolo mo lefatsheng le ko legodimong ka ketelelopele ya mowa o o boitshepo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Aug 2015






