Breaking News

Khansele ya Borwa e tlaa tsenya dipone tsa marang a letsatsi

05 Aug 2015

Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Mephato Reatile, a re khansele ya gagwe e tlaa tsenya dipone tsa mekgwatha tse di dirisang marang a letsatsi kwa Kanye.

Rre Reatile o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Kanyebosheng.

A re khansele e tlaa kopana le koporase ya motlakase gore ba tle ba gakololane gore go tlhokega eng. Rre Reatile o tlhalositse fa dipone tseo di tlaa tsenngwa maranyane a segompieno.

A re motlakase oo o tlaa thusa go lwantsha borukutlhi a tlhalosa fa wa BPC mathata a one e le gore o na le dinako tse o kgaogang ka tsone.

Rre Reatile a re mo phuthegong ya khansele e e tlang ba tlaa laletsa khamphani ya BITRI go tlhalosetsa makhanselara ka dituelo le ditumalano tsotlhe tse go tla bong go berekelwa mo go tsone.

Mo go tse dingwe, Rre Reatile o lekodisitse batsena phuthego ka dingwe tsa ditiro tse khansele eo e di dirang jaaka go thusa batlhoki le masiela. A re ba thusa batlhoki le masiela a le 13 800 le baithaopi ba Ipelegeng ba le 63 232 le bathugi ba le 697.

A re madi a mantsi a dirisiwa mo ditirelong tseo selo se a reng se paledisa khansele go dira ditlhabololo dingwe mo kgaolong.

Rre Reatile o tlhalositse fa puso e tlaa thusa ba-na-le bogole ka phimolo dikeledi ya P300 kgwedi le kgwedi.

Legale o tlhalositse fa go tlaa thusiwa ba-na-le bogole ba ba sa itireng sepe e seng mo-na- le -bogole mongwe le mongwe. A re madi ao a tlaa bo a neelwa motlhokomedi wa mo-na -le bogole gore a kgone go mo isa bongakeng.

Fa ba mo kgwa dikgaba batsena phuthego ba ne ka lela ka letlhoko la metsi. Rre Mpho Kenosi o ne a re o dumela gore ba lephata la metsi ba tshwanetse go bitsa diphuthego go lekodisa morafe ka seemo sa metsi.

Rre Kenosi a re batho ba tlhoka metsi mme ba a bona a senyega mo motseng. A re go kile ga bo go na le komiti e e neng e tlhokomela metsi e a re ba a bona a tshologa ba begele ba lephata gore ba tle go baakanya.

Rre Ketumile Kaboeamodimo ene o ne a kopa gore bagodi ba thusiwe ka matlwana a boitiketso kwa diposong, a re ba sokola fa ba ile dikamogelong.

Mokhanselara wa kgaolo ya kgosing, Rre Mosekisi Ranngobana, o ne a kopa gore kgang ya di VDC tsa Kgosing le Ntlhayatlase ya gore nngwe ya tsone e nyelediwe e rarabololwe ka bofefo go itsa ketsaetsego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Aug 2015