Ba gakolotswe go kopa diteseletso
05 Aug 2015
Mogolwane mo ofising ya dikgwa le matlotlo a tlholego mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Olebile Kolojane, a re ba tshwenngwa ke batho ba ba bapalang dibapalwa nageng ba sena diteseletso tsa go dira jalo.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, a supa fa go se phoso go dirisa dibapalwa nageng mo matshelong a letsatsi le letsatsi, mme a re fa motho a bapalela go gweba go tlhoka teseletso.
O supile fa setlhare sa moselesele e le sone se rengwang phetelela ka se siametse dikota tse di agang masimo le malwapa.
O supile fa ba tshwere diphuthego mo metseng ya Mantshwabisi le masimo a Mosinki go tsibosa banni ka go somarela tikologo le dikgwa, mme a re go rekisa dikgong kana dikota motho a sena teseletso a ka atlholwa sekete sa dipula kgotsa ngwaga mo kgolegelong kgotsa dikotlhao tsotlhe ka bobedi.
Rre Kolojane o tsweletse ka go supa fa maikaelelo a ofisi ya bone e le gore ngwaga le ngwaga ba tshware letsatsi la temo ya ditlhare mo kgaolong ga mmogo le gone go ruta setshaba ka tshomarelo ya dikgwa.
O tsweletse ka go supa fa diteseletso di le mefuta mme go na le ya go roba o bo o rekisa mme yone e dirwa ka dipula tse pedi mme e dirisiwa kgwedi fela, fa ya dealers yone e dirwa ka tse di masome a matlhano a dipula mme e dirisiwa mo dikgweding tse thataro.
O bile a gatelela fa diteseletso tse di sa amoganwe mme a supa fa go kgetliwa ga bojang go buletswe go simolola ka kgwedi ya Phukwi e le fa gare go fitlha ka kgwedi ya Phalane e ya fifing.
E rile a tswa la gagwe, mongwe wa ba ba gwebang ka dibapalwa nageng kwa Serinane, Rre Kgosiyagae Pinayame, a tlhalosa fa go gweba ka dikota go mo thusa ka a kgona go isa bana dikoleng le gone go ba rekela dijo.
O kaile fa letshwenyego la gagwe e le batho ba ba rekisang dikota mme ba sena diteseletso e bile ba rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mo ba felelang ba ba tseela bareki.
O tsweletse ka go kopa botlhe ba ba gwebang ka dibapalwa nageng go dirisanya le ba ofisi ya tshomarelo dikgwa gore ba tseye diteseletso go na le go dira fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 05 Aug 2015






