Mapodise a batla mmangwana
04 Aug 2015
Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lesea mo tankeng ya matlakala.
Ramapodise wa Letlhakane Superitendent Michael Maphephu a re tiragalo e, e bonwe ke badiri ba khansele fa ba ne ba theogetse ba olela matlakala.
Rre Maphephu a re lesea le, le ne le le mo polasetekeng e e neng e la thining ya matlakala e e neng e le mo kgotleng ya Mokgobelele.
O ne a tswelela a re ba bongaka ba rurifaditse fa lesea le ne le le dikgwedi tse tharo.
Superitendant Maphephu a re o kopa setshaba gore se ba batlise yo ba ka belaelang a ne a imile mme mo nakong ya gompieno mpa e sa
tlhola e le teng.
O ne a tswelela a re banana ba ipabalele ba dirise sekausu le mefuta e mengwe ya go thibela boimana fa ba tlhakanela dikobo go itsa dikgang tsa mefuta e e tshwanang le e, kgotsa fa go setse go diragetse ba kope dithuso kwa go ba boipelego le balaodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Precious Bonang
Location : Letlhakane
Event : Potsolotso
Date : 04 Aug 2015






