Kgosi Maruje III o akgola baithuti
04 Aug 2015
Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o akgotse baithuti ba thuto ga-e-golelwe go bo ba sa tlhajwe ke ditlhong e bile ba sa inyatse go ithutela go bala le go kwala ba setse ba godile.
O buile seo kwa moletlong wa letsatsi la baithuti ba ga-e-golelwe o o neng o tshwaretswe kwa Matshelagabedi bosheng.
Lenaneo le la thuto ga-e-golelwe le simolotse ka ngwaga wa 1980 e le tsela nngwe ya go fa Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go ithutela go bala le go kwala ga mmogo le tsone ditiro tsa diatla go sa kgathelesege gore o dingwaga di kae.
Kgosi Maruje III o supile fa lephata la thuto le tlhabololo dikitso segolo jang ka lenaneo la thuto ga-e-golelwe, le dirile le gontsi mo matshelong a Batswana e bile le tlisa le tsone diphetogo ka go ka se nne le ope yo o salelang kwa morago mo go tsa thuto.
A re lenaneo le, le buletse Batswana ka bontsi dikgoro ka ba rutwa le tsone ditiro tsa diatla mme o tlhalositse fa bagolo ka bontsi ba setse ba itse go kwala ga mmogo le gone go bala, golo mo ba neng ba sa go itse mo go goleng ga bone.
O tlhalositse fa thuto e le boswa jo ba ka se bo amogiweng ke ope.
Kgosi o gwetlhile botlhe ba ba saletseng kwa morago mme ebile ba sa itse gone go bala le go kwala go ikemela ka dinao, ba seka ba tlhajwa ke ditlhong ka thuto e ka ba solegela molemo go menagane, a bo a lebogela ba ba le arametseng le sa ba tlhabetse go bo ba ikemetsse ka dinao go tlhabolola matshelo a bone.
O tsweletse ka gore thuto ke tshwanelo ya mongwe le mongwe, ka jalo Batswana ba tshwanetse go akola tshwanelo eo ka e bile puso le yone e ba eme nokeng.Gape o tladitse ka gore go ithuta ka lenaneo le la thuto ga-e-golelwe le gone go na le seabe mo go diragetseng lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba e bong go nna tshaba e e rutegileng.
A re setshaba sa Botswana se ka kgona fela go fitlhelela matshego a tebelopele fela fa ba tshwaragane ka jalo a rotloetsa tirisano mmogo le ba thuto ga-e-golelwe.
Mongwe wa baithuti ba ga-e-golelwe go tswa kwa Mulambakwena, Mme Alakanani Johannes o pakile fa lenaneo le, le mo diretse go le gontsi.
A re bonnyeng jwa gagwe ga a ise gotlhelele a tsene ka kgoro ya sekolo mme e bile a ne a sa kgone go itirela sepe se a ka itshetsang ka sone.O boletse gore o ne a inaakanya le lenaneo le mme o itumelela go bo le mo file lesedi le a ka se kitlang a le tima.
Gape o tsweletse ka gore ba ga-e-golelwe ba ne ba mo isa kwa Kang go rutuntshiwa go bopa dinkgo, mme e bile a supa fa jaanong tiro e itira ka boyone mme a re o ja a namile ene le ba lelwapa la gagwe.
Moithuti yo mongwe go tswa kwa Francistown, Mme Tshwano Motlotlwa yo o dingwaga tse di masome matlhano le bobedi, ene o tlhalositse fa ka nako ya fa a simolola sekole sone sa thuto ga-e-golelwe batho ba ne ba mo tshega gore o tsena sekole le ntswa a le motona.
A re morago fela ga go tsena sekole o ithutile tse dintsi a balela go kwala leina la gagwe ga mmogo le gone go bua sekgoa.
O gwetlhile Batswana go itshoka, le fa batho ba ka ba tshega mme a re gompieno o itse go apaya, go loga ditlatlana le mekgabisa ka go farologana ntateng ya thuto e a e amogetseng.
Mme Motlotlwa o tladitse ka gore o kgona gape go ipalela dikgang, mme ga a sa tlhola a utlwa ka magatwe mo mebileng.
A re mo nakong ya gompieno ke mogolwane wa baapei kwa sekoleng se sebotlana sa Satellite.
Mme Motlotlwa o tlhalositse fa a ne a itataisa, a dira tshipidi tonto ka a ne a batla go diragatsa ditoro tsa gagwe.
Mogolwane wa tsa thuto ga-e-golelwe a okametse kgaolo ya Bokone Botlhaba Mme Letsile Letsholo, a re letsatsi le le ipelelwa jaana e le tsela nngwe e baithuti ba supang dikitso tsa bone ka go farologana tse ba di amuleng mo thuto ga-e-golelwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Matshelagabedi
Event : Moletlo
Date : 04 Aug 2015






