Ba Grootlagte ba sola lenaneo molemo
04 Aug 2015
Mme Gonxlea Tsaa, monni wa Goortlagte ke mongwe wa ba ba nnileng lesego mo dithusong tsa mananeo a puso ka go abelwa dikgomo ka lenaneo la RADP (Remote Area Development Programme).
O tlhaloseditse ba BOPA mo potsolotsong fa se setla morago ga go ikuela kwa lephateng le le le maleba, mme a fiwa dikgomo di le tlhano, tse mo nakong eno di atileng go nna supa.
“Di le tharo di ne di dusa mme tse pedi tsa kgona go tsala fa e nngwe e ne ya jelwa namane kwa nageng” ga bua jalo Mme Tsaa yo o dingwaga tse di masome mararo le bobedi .
Are mo bogompienong dikgomo tsa gagwe di nna kwa morakeng kwa tlase ga tlhokomelo ya ga monna wa gagwe.
O ne a supa fa dikgomo tseo di mo thusa fela thata ka a se ke a lala ka tlala gape kaya fa a dirisa boloko jwa dikgomo tseo go baakanya ntlo ya gagwe.
Ere ka go sena fa dikgwetlho di eteng di tlhokafale teng, Mme Tsaa are o tlhoka madi go ka ya go dira tshipi e e tshwayang leruo mme ebile a santse a palelwa ke go ka tshwara sentle mebala ya dikgomo tsa gagwe.
A re maikaelelo a gagwe ke go reka sekotsekara se se tlaa mo thusang mo lwapeng a supa se se ka mo tlhofofaletsa ditiro tsa gagwe.
Goortlagte ke motse o o dikhilomithara tse di masome a a ferang bobedi go tswa Ghanzi. Mme mongwe wa banni, Rre Qisee Kadonse wa dingwaga tse di masome a mane le boraro yo e bile e leng mo-na-le-bogole, le ene o tlhalositse fa a itumelela thuso e a e filweng ke ba lephata la RADP.
Are o ne a abelwa dikgomo di le tlhano ka ngwaga wa 2014 mme mo bo gompienong a busetswa morago ke bokoa jo bo mo ketefaletsang go tsamaya ka ebile a sena
kolotsana ya bana le bogole.
Banana le bone ba bo ba sa salela kwa morago. Rre Mompoloki Monageng wa dinwaga tse di masome mabedi le borataro o ne a thusiwa ke
ba lephata la nyeletso lehuma mo Ghanzi ka go mo abela dikoko di le masome a mararo le bosupa tsa Setswana. A re o abetswe dikoko tse ka ngwaga wa 2013 mme mo nakong ya gompieno di le masome mararo le borataro, a tlhalosa fa a rekisitse tse dingwe selo se a supileng fa se mo tsisetsa dijo mo lwapeng.
A re kgwetlho e a nang nayo ke gore dikoko tsa gagwe di fetswa ke dibatana bosigo.
“Ke tshwenngwa ke dibatana le dintsa tsa batho, ka gore di epa hoko bosigo mme dije dikoko” seo sa tshwaelwa ke Rre Mompoloki.
Rre Mompoloki le ene a bo a tletse monyenyo fa a supa fa dikoko tsa gagwe di rekwa ka bontsi, jwa batho mo Ghanzi. Ends
Source : BOPA
Author : Bantshwanetse Kebalepile
Location : Grootlagte
Event : Potsolotso
Date : 04 Aug 2015






