Ba lebogela kgatiso ya dikhwaere
04 Aug 2015
Mogolwane wa setlhopha sa mmino wa dikhwaere mo Bobonong Rre Kelebogile Kukumara o galaleditse kgatiso ya mmino wa dikhwaere mo kgaolong eo a re o tlaa ba tlodisa melatswana.
Mo potsolotsong le BOPA kwa kgatisong ya dikhwaere tsa kgaolo ya Bobirwa ka Tshipi ke ba Botswana Television, Rre Kukumara a re kgatiso ya mmino o, e tla ba isa kgakala ka gore lefatshe lotlhe la Botswana le tlaa kgona go lemoga gore le bone ba na le bokgoni mo mminong.
A re ba ne ba eletsa gore fa ditsompelo di ka bo di le teng kgatiso e ka bo e dirwa ngwaga le ngwaga.
Go gatisa mmino o go supile fa go rotloetsa kgolo ya ngwao, ebile go tlaa ba fa sebaka sa go ipapatsa ka bontsi ja nako ba diragatsa fa go le ditshupo tsa temo-thuo kgotsa ka letsatsi la boipuso.
O galaleditse dikhwaere tsa kgaolo e, a re di na le bokgoni e bile di tla supa fa Bobirwa e na le moribo wa one wa mmino.
A re se se santseng se saletse kwa morago mo dikhwaereng tsa kgaolo e ke gore di bokowa mo go kopaneng ka bontsi ja maloko bo direla kwa mafelong a a farologaneng.
Khwaere ya Dialogan e tlhamilwe ka ngwaga wa 2013 mme e setse e tseneletse dikgaisano tsa ga Tautona makgetho a le mmalwa ya ba ya ikgapela maemo a bobedi mo dikgaisanong tseo.
Dikhwaere tse di neng tsa gatisiwa mo Bobonong ke tsa All Stars, Dialogane le Diphatsa fa kwa Molalatau go ne ga gatisiwa tsa Seboo, Dikwankweta le Mmamaokane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 04 Aug 2015






