Kgosi Tsiane o bolokilwe
04 Aug 2015
Bahutsafadi ba ne ba tshologetse kwa Takatokwane mo kgaolong ya Kweneng go boloka Kgosi Motsiele Tsiane yo o tlhokafetseng kgwedi ya Phukwi e le masome a mabedi kwa kokelong ya Thamaga.
Kgosi Tsiane o tlhokafetse a le dingwaga di le lekgolo le botlhano morago ga seemo sa botsogo se se neng se sa iketla.
O simolotse go busa morafe wa Takatokwane ka 1972 morago ga go tlhomamisiwa mo bogosing, tiro e a e simolotseng e le moithaopi, mme a tswelela ka go gola mo tirong mo goneng ga dira gore a tswelele sentle ka a tlhokafala jaana ele motshwarelela kgosi yo mogolwane (Senior Chief’s Representative).
Kgosi Kgari III are, ere ntswa a ne a kopana le kgosi Tsiane fa ane a tsena mo setilong sa bogosi ka dingwaga tsa bo 2003, o itemogetse fa ene ele moeteledipele yo o bobelokgale mo tirong ya morafe e a neng a e tshegeditse, segolo jang fa a ne a buwa ka dikgang tsa go tlhabolola motse wa Takatokwane.
Kgosi o kopile gore ba tla tsenang mo ditlhakong tsa ga Kgosi Tsiane ba filwe kemo nokeng e e tlaa agang e bo e bopaganya morafe go tsweledisa fa kgosi a tlogetseng teng.
Dingwe tsa ditiro tsa ditlhabololo tse go lebegang di arabesegile go ya ka fa kgosi Tsiane a neng a eleditse ka teng, e nnile go godisiwa ga sekole se segolwane sa Mahupu go nna Unified Senior Secondary School le gore kgaolo ya Takatokwane e bo e le kgaolo ya botlhophi e e ikemetseng.
Go boletswe fa a ne a le moeteledipele wa nnete yo a neng a sa ikaega fela ka boeteledipele jwa sepolitiki, go buelela tlhabololo ya motse wa gagwe, mme lentswe la gagwe le utlwala gangwe le gape go tse di amang tshenyetso setshaba ka a ne a di bifela.
Mopalamenete wa pele wa kgaolo eo Rre Boometswe Mokgothu, o kaile Kgosi Tsiane e ne e le mogaka yo kgaolo ya Mokwena e kileng ya segofadiwa ka ene.O supile fa a ne a na le botlhale le dikitso tse di faphegileng, tse di thusitseng thata mo tlhabololong ya motse.
Mokwaledi mo ofising ya ga Tautona Rre Tuelo Moloko o kaile Kgosi Tsiane e ne e le moeteledipele yo o nang le bokao jo batho ba ka eletsang go bo sala morago mo maitekong a go bopa morafe.
A re Kgosi Tsiane e ne e le moeteledipele wa popota. O kopile batho go kgatlhegela go sala morago mohuta wa boeteledieple jwa ga Kgosi Tsiane go bopa tshaba ya Batswana.
Rre Jayson Sechele ene o kaile Kgosi Tsiane e ne e le mongwe wa mapako a a nnileng le seabe mo go thuseng mo tharabolong ya dikgang tsa bogosi jwa Mokwena fa bo ne bo sa robalelwa ke ditlhokwa mo go neng ga felela ka go tlhomiwa ga ga Kgosi Kgari III.
Dibui tse dingwe, Mopalamente Ngaka Ngaka, mapalamente a pele a kgaolo eo, borre Filbert Nagafela, Gordon Mokwathi le kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe, ba ne ba kaa Kgosi Tsiane a ne a seke a boifa sepe kgotsa go supa motho ka monwana fa a ne a buwa ka se a dumelang mo go sone.
O tlogela bahumagadi ba le babedi, bana ba le masome mabedi le bobedi, bana ba bana ba le masome a ferabongwe le borataro (96) le dikokomane di le masome a marataro le bobedi (62). Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Takatokwane
Event : Phitlho
Date : 04 Aug 2015






