Dikole di tsosolosa ngwao
03 Aug 2015
Dikole tse di tlwaelesegileng gore ke tsa di sekgoa (English medium) di ikaelela go rotloetsa ngwao.
E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela ngwao o rulagantswe ke ba sekole se botlana sa Little Souls English Medium kwa Shoshong bosheng , mogokgo wa sone Mme Cathrine Abonne a re le bone ba batla go ruta bana ka tsa ngwao.
Mme Abonne o kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go tsosolosa ngwao go sa kgathalesege gore ba na ba tsena dikole kae.
A re ngwao ke selo se se botlhokwa mo botshelong jwa ngwana ka e ruta botho, maitseo ga mmogo le dilo fela tse dintsi tse ngwana a tshwanetseng go di itse a sale monnye.
O ne a tlhalosa fa Little Souls e batla go phimola dikgang le dikakanyo tsa gore dikole tse di ikemetseng ka nosi di remeletse mo go ruteng bana dipuo tsa seeng le dilo tsa sesha,
Mme Abonne a re e re e le lantlha ba tshwara moletlo mo sekoleng sa bone, ba ikaelela go nna ba o tshwara ngwaga le ngwaga mme a kopa thotloetso mo botsading le setshaba ka kakaretso, gore ba rute bana ka ngwao ya bone e ba sa eletseng fa e ka latlhega.
Mogolwane wa tsa metshameko le tsa ngwao, go tswa kwa sekoleng se sebotlana sa Ngakayagae Rre Moses Dikoloti, o boletse fa go tshegetsa ngwao e le sengwe se se botlhokwa fela thata
Rre Dikoloti a re bana ba ithuta dilo tse dintsi di akaretsa metshameko,dijo,kapari le one mmino wa setso mo e leng gone ngwao ya bone.
A re bana ba gorogela mo dilong tsa sesha mo go felelang go baka gore ba dumele fa e le tsone dingwao tsa bone, o boletse fa ba gola fela ba sa itse sepe ka dingwao tsa bone mme se se felele se ba ya ngwana ka fa mosing ka e nna e kete o ikgatholosa ngwao ya ga bone mme ntswa go sa nna jalo ngwana yo a sa itse.
O kopile badiri ba meletlo ya tsa ngwao go nna kelotlhoko fa ba dira meletlo ya ngwao ba ele tlhoko tse ba di dirisang gore a ke tse di tshwanetseng letsatsi leo kana jang.
Rre Dikoloti o ne gape a a kgothatsa gore gantsi fa go dirilwe moletlo o wa go tsosolosa ngwao dilo bontsi tse di dirisiwamg o fitlhela e le dilo tsa sesha, dilo di tshwana le ditilo diaparo le tse dingwe.
O boletse fa go tshwanetse gore fa e le letsatsi la ngwao go nniwe mo ditilong tsa dikgole dipora gammogo le tse dingwe go supa to ta ka tlhwafalo gore fa re re ngwao ya rona e ntse jang go bo go supiwa gone tota mo go tshwanetseng.
A re le ene ke mongwe wa ba ba eletsang go bona banana ba tshwere ngwao ya bone ka natla ka seo se ka tila go nyelela ga ngwao ya rona mme le bana ba ba tlaa latelang ba tlaa ithuta mo go ba bangwe.
Motsadi Mme Tiny Basimanyana yo a neng a ithaopile go tlhabela bana mainane a re le ene ke mongwe wa ba ba eletsang go tsenya letsogo mo go ruteng bana ngwao ke sone se a boneng go le botoka go tla go tlhola le bone ka letsatsi le a ba tlhabela mainane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gasebotlhe Gasenna
Location : Mahalapye
Event : Moletlo wa ipelelo ngwao
Date : 03 Aug 2015






