Kgosi oa kgalema
03 Aug 2015
Kgosana Kgotla Kobelwane wa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a re o tshwentswe thata ke kafa banana ba motse oo ba itsayang ka teng.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kobelwane a tlhalosa fa e setse e le selo modiro gore bana ba ba santseng ba tsena dikole tse dikgolwane ba tlogele sekole ba ye go nna fa fatshe.
Rre Kobelwane o tlhalositse fa boitsholo jo bo sa amogelese ka bo ama thata isago ya bana ba, ebile ba ruta ba ba botlana mo go bone mokgwa o o sa siamang.
Kgosana o kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba a reng le fa ba bona seemo se, ba bo ba itidimalela fela ba sa kope thuso mo go ba ba maleba jaaka ba boipelego.
A re o santse a palelwa ke go bona lebaka le batsadi ba bana ba, ba ka le mo fang le mororo seemo se babalela bone.
A re seemo se sa go tlogela sekole ga bana ba ise ba fetse se ama thata bana ba basetsana, mme e re morago boimana bo tsene, ba nne batsadi ka bonana le ntswa ba sena se ba ka se fang bana ba bone mme mokgweleo o, e nne wa batsadi ba bone.
O tlhalositse fa mo motseng wa bone go na le batho ba puso e ba beileng mo motseng ba tshwana le ba boipelego le dikgosana tsa tetlanyo go itebaganya le diemo tsa go nna jaana, mme a re batsadi ga ba ba dirise go rarabolola mathata a.
Kgosana a re se se tlhabisang ditlhong ke gore bana ba, e ya re mo tsamaong ya nako ba iphitlhele ba le mo nno taging ebile go na le bagolo bangwe ba ba nwang le bone.
“Selo se, se felele jaanong se dira gore botlhoka tsebe le jone bo re apese kobo ka letshoba ka gore kwa morago jaanong fa maano a ba ka bonang madi a go reka nnotagi a felela, bana ba ba inaakanya le borukutlhi”, Kgosana Kobelwane a gatelela.
Kgosana Kobelwane o tlhalositse fa go na le segongwana sengwe se se dirwang ke bone bana ba, ba ipitsa ka leina la ‘Bokoharam’ se se tlhorontshang motse ka tsone ditiro tsabotlhoka tsebe.
Kgosana a re puso e dira ka natla go ntsha banana mo mekgwatheng ka go ba fa sebaka sa sekole ba sa le ba botlana, ebile e fe le bone ba ba feditseng dikolo sebaka sa go tsaya mananeo a tshwana le a lephata la banana, metshameko le ngwao, le lone la LIMID tota. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 03 Aug 2015






