Breaking News

Badiri ba Ipelegeng ba phepafatsa 8232motse

03 Aug 2015

E re ka Phukwi e le kgwedi ya botsogo, babereki ba Ipelegeng mo Metsimotlhabe le bone ba tsentse letsogo go phepafatsa motse wa bone.

 Kgosi Raphael Mmipi wa Metsimotlhabe o tlhalositse  mo potsolotsong bosheng gore babereki ba Ipelegeng ba tsweletse ka go phepafatsa motse. 

A re babereki ba, ba tsamaya le dikgotlana tsa motse go sela matlakala le go kgaola ditlhare tse di ka nnang diphatsa mo matshelong a batho.

A re ba kgothatsa batho go phepafatsa malwapa a bone ka dinako tsotlhe, go netefatsa gore ba nna fa go leng phepa ka se se le botlhokwa mo botsogong jwa bone.

A re le fa ba Ipelegeng ba dira maiteko a mantle a go phepafatsa motse, ba nna le kgwetlho, ka jaana ka dinako tse dingwe ba fitlhela malwapa mangwe a sena batho bogolo thata malwapa a go nnang bahirisi fela, se se bo se ba paledisa go isa molaetsa kwa go beng ba malwapa ao. 

Kgosi Mmipi a re malwapa a go nnang bahirisi fela ga a na tlhokomelo e ntsi ka ba re go phepafatsa malwapa ga se tiro ya bone.

Ha a itebaganya le maduo a lenaneo la Ipelegeng le a tsisitseng mo motseng wa gagwe, Kgosi Mmipi, a re babereki ba Ipelegeng ba kgonne go sinosa ditlhare tse di ka nnang borai mo matshelong a batho ka dirukutlhi di iphitlha mo go tsone.Ba kgonne gape go aga mesele e e thusang go laola metsi ka dipaka tsa pula. 

Kgosi o tlhalositse gape gore babereki ba phepafaditse mabitla mo ebileng a kgatlha leitlho, o boletse gape gore fa e sale Ipelegeng simolodisiwa batho ba le bantsi ga ba sa tlholeba palelwa ke go ikapesa le go jesa ba malapa a bone.

Kgosi Mmipi a re e re ka jaana ba bapile le toropo batho ba na le mokgwa wa go latlhaganya matlaka mo motseng wa gagwe, mme ka tirisano mmogo le thuso ya babereki ba Ipelegeng le ba lephata la phepafatso tikologo ba kgona go sela ba bo ba latlha matlakala ao ka fa go tshwanetseng, se se bo se dira gore motse o nne phepa ka dinako tsotlhe le batho ba heme phefo e e phepa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bontle Keikepe

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 03 Aug 2015