Banni ba kopiwa go dirisa lenaneo
03 Aug 2015
Banni ba Itholoke mo kgaolong ya borwa ba kopilwe go dirisa lenaneo la Nteletsa 2 la go isa ditlamelo tsa maranyane kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.
Lenaneo leo le simolotswe ke Botswana Telecommunication Corporation (BTC) mo dikgaolong tseo go isa ditlamelo tsa go kwala ka khomputara go dira meriti ya dipampri ga mmogo
le go romela dipapmpiri.
Madirelo ao a ne a fiwa dikomiti tsa ditlhabololo mo metseng eo gore ba a tsamaise le go direla dikomiti tsa bone madi.
Mo potsolotsong bosheng, modiri ko madirelong ao Mme Patricia Moshombe, a re banni ba motse oo ba boutsana go akola ditirelo tsa lenaneo leo le ntswa le na le
dingwaga le ntse le simolotse.
O ne a tlhalosa gore ditirelo tsa mafaratlhatlha a maranyane tsone ga ba di kgatlhegele ,mme di akolwa fela ke badirelapuso ba ba berekelang koo.
O ne a supa fa go tlhokafala thuto mo banning gore ba itse gore ba tsenya jang didirisiwa tseo mo tirisong.
Mme Moshombe a re ene o ne a isiwa dithutong go ya go rutuntshiwa go dirisa dikhompiutara le didrisiwa tse dingwe tse a di dirisang letsatsi le letsatsi.
O ne a kgothatsa banni gore ba tsibogele lenaneo leo mme ba tle go botsa se ba sa se tlhaloganyeng gore le bone ba le akole.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa banana ba koo Rre Keipoletse Hoje ene o ne a tlhalosa fa lenaneo leo le mo sologela molemo ka ditsela tse di farologaneng.
A re le ba thusa thata fa ba na le dintsho ba batla go dira lenaneo la thulaganyo ya phitlho.
O ne a supa gape gore le fa a batla go dira meriti ya ditlankana ga a sokole ka go ya ko Khakhea,o dirisa ofisi eo e e dirisang marang a letsatsi.
Rre Hoje a re o itumelela lenaneo la Nteletsa 2, fela o santse a tlhaela kitso ya go dirisa maranyane a Internet. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : Jwaneng
Event : Postolotso
Date : 03 Aug 2015






