Ba kgalelwa go jela bagodi madi
03 Aug 2015
Mogolwane mo lephateng la diposo, Rre Patson Vati, a re ga ba itumedisiwe ke batho ba ba jelang batsadi ba bone madi a bagodi mo go feletsang go baka kgotlhang fa gare ga bone le botsadi.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mokgomane bosheng, Rre Vati a re go na le thulaganyo e ba e dirang e le ba diposo gore fa mogodi a palelwa ke go ka ikamogelela ko posong kgwedi le kgwedi, a ka ya go supa motho yo a ka nnang a mo amogelela.
Rre Vati o tsweletse a tlhalosa gore go tshwanelwa ke gore morago ga dikgwedi tse thataro dingwe le dingwe, mogodi a ye go supiwa kwa posong gore o sa le teng mo botshelong.
A re se ba se itemogetseng jaanong ke gore batho bangwe ba ba supilweng gore ba amogelele bagolo, ba felela ba tsaya madi a bagodi ba a itirisetsa ba sa neele bagodi sepe,ba bangwe e bile le go tlhola bagodi ba sa ba tlhole ba nna fela ko toropong.
“Morago ga dikgwedi tse thataro fa jaanong motho wa go nna jalo a ile go supa gore mogodi o sa le teng mo botshelong, ke gone mogodi a fetang a bolela gore ga a amogele, e re go dirwa ditshekatsheko go fitlhelwe e le gore mme motho yo o amogelelang mogodi yo, o tsaya madi kgwedi le kgwedi, se se raya gore o a a itirisetsa,” Rre Vaki o supile ngongorego e.
Rre Vati a re ka makgetho a le mmalwa fa ba botsa bagolo gore a ke ba ntshe batho bao ba tsenye ba sekle, ba a gana mme e re ka dinako tsa diphuthego tsa matona a puso mo kgaolong, bagodi ba, ba bo ba bolela ka fa ba sa amogeleng ka teng, ntswa ba itse sentle gore madi a jewa ke batho ba ba ba amogelelang.
A re selo seo ga se a siama e bile a rotloetsa bagolo go boela mogopolo oo ka morago.
O kopile banni gore a e re ba tshwara dingwaga tse di masome marataro le botlhano ba ikwadise ka a re ba duelwa go simologa fa ba ikwadisitseng teng, mme fa motho a nna fela a bo a ikwadisa a fetile foo ga go balwe gore o ngwaga di kae a bo a neelwa a dingwaga tse di kwa morago jaaka ba akanya, a re fa o ikwadisa o le masome a supang o amogela fela go simolola gone foo.
Rre Vati o supile fa a na le letshwenyego gape ka batho ba ba amogelang mo lenaneong la botlhoki a re fa gongwe o fitlhela motlhoki wa go nna jalo a tlhokomelwa ke motho yo le ene a sa itewang letsogo mme a re go le gantsi ba jewa ntsoma ka ba neelwa madi a se mmogo.
O kopile ba komiti ya ditlhabololo tsa motse gore ba nne le seabe ka go netefatsa fa batlhoki ba ba neelwa madi a bone a le mmogo.
A re ka motlhoki ene fa a neetswe madi fela o a tsamaya ka o a bo a sa itse fa a se mmogo ka ke ene yo o tlhokileng lesego la go itse go bala le gone go kwala, go botlhokwa gore ba
komiti ya ditlhabololo tsa motse ba netefatse fa go se ope yo o jewang ntsoma.
A re go dira jalo ga go a siama mme e bile ba tsentse leitlho seemo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Aug 2015






