Breaking News

Mokaedi morongwa yo o molemo

02 Aug 2015

Fa o ja o shebe, le ke leina le Rre Goitsepico Mokaedi a le filweng ke morafe oo mo ratang thata wa Kgalagadi Borwa, ka ba re o rata go dirisa mafoko a leina le thata fa a bua.

Mo bogompienong dilo di fetogile go thata gore o ka bona yo o tlogelang lelwapa le ditiro tsa gagwe a ithaopa go isa dikgang kwa merafeng, mme Rre Mokaedi o diragatsa se se pharologano le se se tlwaelesegileng mo segompienong.

Rre Mokaedi ke monna yo o dingwaga di masome a  robabobedi le bobedi, go tswa Makopong mo Kgalagadi Borwa yo e neng ya re Morena fa a botsa gore ke tla roma mang ditshabeng, a araba a re ntate roma nna ke tlaa fitlha ke ba neela dikgang tse di tswang go wena.

Morongwa yo ke moruti mo kerekeng ya Apostolic Faith Mission, o tsamaya a rera mo dintshong, mesepele, diphutego, manyalo, marekisetso, diofisi le mo mabaleng a metshameko mo metseng e e farologaneng mo Kgalagadi Borwa.

Moruti yo ga a rere fela mo dintshong le manyalo a ba masika kana ba phuthego ya kereke ya gagwe mme o rera le mo dintshong le mo manyalong a ba a sa ba itseng ebile o tsenelela ditiro tsa ba a sa amaneng le bone go feta ba  a amanang le bone.

A go diphefo, dipula kana serame sa mariga se shenne meno Rre Mokaedi ene ga o kake wa mo tlhoka mo tebelelong a rera.

Fa a tlhalosa ka go rera le go fitlha ba a sa ba itseng a ipega ka madi a gagwe go ya kwa metseng e e farologaneng, moruti Mokaedi a re o abo a sa gaba go ya go ja diphaphatha le seswaa mme o abo a dira ka lorato a batla go gomotsa le go kgothatsa ba ba amegileng.

“Ngwanaka, lerole la dikgomo tsame le lentsi mo le sa balegeng, nama e ntatile,jaanong mo dintshong ke a bo ke sa jagela diswaa ke a bo ke tsisitse  lorato mo go ba ba amegileng fela jaaka Modimo a re ratile rona baetsadibe a ntsha morwaagwe  yo o tshotsweng a le esi go  swela maleo a rona mo mokgorong”, RreMokaedi a tlhalosa.

Rre Mokaedi a re ga se moruti wa dintsho fela mme le mo dipalamong tsa setshaba  lentswe la gagwe le a itsege ka a kgona go di palama fela go rera enfangedi.

Go ya ka morongwa yo, o rera mo dipalamong tsa setshaba  a gabile banana thata, mme o kaile fa a ba rerela  lefoko la Modimo go ba aga ka a re banana ba tshabelelwa ke go raelesega mme ba iphitlhele ba di gama ba sa di tlhapela.

A re thero e, e thusa banana  go ikgapha mo ditirong tse di sa siamang di tshwana le borukutlhi le ditagi mme se se thuse le sone gore setshaba se nne ka tshosologo se babalesegile, a re gape go thusa mo go fitlheleleng letshego la tebelopele ya 2016 ya lefatshe leno la go nna tshaba e e babalesegileng.

Godimo ga moo, Rre Mokaedi a re o rerela banana ka boipelego a tshwantshanya le mo Baebeleng gape o ba rerela ka go dirisa lefoko la Modimo go nna le phunyeletso mo dikgwebong le ditiro tsa bone, mme o kaile fa a itumedisiwa ke go rera mo a kaya fa thero e ya gagwe e na le seabe mo go ipelegeng ga Batswana, go nyeletsa lehuma le go godisa itsholelo ya lefatshe.

Mo diofising le gone moruti Mokaedi o a tle a ba etele a ya go ba rerela mo merapelong, mme a re o abo a direla go tsisa kagiso le tshwaragano mo maphateng gore tiro e dirwe ka bonatla,setshaba le sone se akole ditirelo tsa bodiredi jwa maphata a, ditlhabololo di ate.

Fa go nyadisiwa mo ofising ya ga molaodi kwa Tshabong  ga nkake wa tlhoka go bona sefatlhego sa ga moruti Mokaedi, ka ga a ke a tlhoka go ya go rerela le go laya banyalani.

Fa a botswa gore ke eng se se mo gwetlhang go rera kwa manyalong o ne a supa  fa lenyalo e le tshegofatso e e tswang kwa Modimong ka jalo le tshwanetse go agiwa le go tiisiwa ka lefoko la Modimo.

O ne a tswelela a tlhalosa fa manyalo a thubega ka palo e e kwa godimo mo go tshwenyang fela thata ka go ama  bana le dithuto tsa bone, ke ka moo go tlhokafalang gore banyalani ba rutiwe gore lefoko la Modimo ke konokono e e ka nosetsang  kutlwano, kagiso le lorato mo lenyalong ke sone se a se keng a tlhoka go latlhela lefoko kwa manyalong.

Le kwa kgolegelong, moruti Mokaedi o gorosa lefoko la Modimo go thusa mo go ageng magolegwa sesha le go ba golola mo meweng e e maswe le matimona a ba reng ke one a ba dirisang ditiro tse di duleng mo tseleng.

A re o dumela gore e tlaa re fa ba tswa mo kgolegelong ba bo ba itshwara sentle mme ba amogelesege mo setshabeng .

Bontsi jwa batho ba ba kileng ba reetsa thero ya ga moruti Mokaedi ba re o rata go nna a latlhela mafoko a “Fa o ja o shebe” fa a rera ke ka moo ba mo fileng leina ba dirisa mafoko a ,mme le ene mong wa mafoko a, o netefaditse fa a rata mafoko a fela thata ebile a amogetse leina mo ebileng a kgona go lebala leina la gagwe la Omang.

Fa a tlhalosa ditso tsa mafoko a, Rre Mokaedi a re o ne a amiwa thata ke ka fa segajaja sa AIDS se neng sa ganyaola matshelo a le mantsi, mme o ne a rera thata gore batho ba itshireletse fa ba tlhakanela dikobo, ba sekaseke mme ba tlhomamise gore ba sireletsegile, ke ka moo a neng a ntsha mafoko a “Fa o ja o shebe”.

Godimo ga moo a re fa o ja o shebe gape o a bo a reela gore fa o dira sengwe o itshekatsheke gore a mme o mo tseleng o dira bomolemo, maduo a tiro ya gago a e tlaa nna a a kgatlhisang.

Rre Mokaedi o ne a tlhalosa fa leeto la gagwe la go rera le simologile ka ngwaga wa 1960 fa a berekela mo lephateng la temo-thuo  kwa Aferika Borwa, mme a lemoga gore o biditswe ebile o tloditswe ke Modimo ka gore fa a rerela batho  a ba rapelela, Modimo o ne a fetola diemo tsa bone ebile ba tla ka mapaki.

“Ga ke ipoke nnana, Modimo o ne a ntirisa left and right (a bua ka sekgoa a raya gore Modimo o ne a mo dirisa ka ntlha tsotlhe), ba ba neng ba sa tsamae ba ne ba tsamaya,batlhoka puo ba bua, batlhoka kutlo ba utlwa, batlhoka pono ba bona le balwetse ba fola morago ga thapelo ya me”, moruti Mokaedi a tlhalosa.

Morago ga dingwaga tse some, moruti Mokaedi a re merafe kwa Aferika Borwa ba ne ba mo romela kwa sekoleng sa boruti mme o ne a tlogela tiro ya gagwe go ya go ithutela boruti kwa Pretoria,kwa o neng a fetsa ka 1971.

Morongwa yo o molemo yo, a re o ne a rera thata kwa Aferika Borwa ka nako ya puso ya tlhaolele ya basweu, mme o ne a  kopanya merafe yotlhe kwa Bophutatswana kwa go itsegeng ka leina la North West mo bogompienong. A re se se ne sa nyeletsa tlhaolele go tsisa popagano le lorato.

Go lebega fa Rre Mokaedi a fiwa leina gongwe le gongwe kwa a kgabolang teng, ka a supile fa a ne a bidiwa “Alle Nasies” kwa Aferika borwa.

O tlhalositse fa  leina le a ne a le fiwa ke merafe ya kwa Aferika Borwa ka a ne a rata go opela pina e e reng Alle Nasies moet die here dien e e buang ka puo ya Afrikaans e re merafe yotlhe e tshwanetse ya obamela Modimo

A re pina e ke yone e e neng ya kopanya batho bantsho le batho basweu ka e ne e gatelela fa Modimo e le motlhodi wa batho botlhe ebile batho ba sa farologane ba tshwanelwa ke go kopana ba obamela Modimo.

Ka ngwaga wa 1999, morongwa yo wa Modimo o ne a boela gae mo Makopong mme a tsweledisa tiro ya gagwe mo Kgalagadi Borwa le gongwe le gongwe kwa a tsamayang teng ke ka moo bangwe ba mmitsang Paulo wa dinako tseno.

Le fa bontsi bo mo rata ba natefelelwa ke thero ya gagwe, fa o ja o shebe a re o nale bantlhoi ba ba sa mo amogeleng a kaya fa e le ba ba sa rateng boammaruri. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : Makopong

Event : Potsolotso

Date : 02 Aug 2015