Breaking News

Monana wa Shoshong o inaakanya le tsa maranyane

30 Jul 2015

E re ka metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka balati, monana mongwe wa Shoshong o ipuletse kgwebo ya maranyane a dibala makgolo go ntsha batho ba motse wa gagwe kwa morago mo mererong ya tsa boranyane.

Mme Gorata Rantatana, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, a re kgwebo e ya gagwe e bidiwang GORTAH PRINTING e digela ngwaga e ntse e dira ka a e simolodisitse ka kgwedi ya Phukwi ngwaga o o fitileng.

Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Mme Rantatana a re kgwebo ya gagwe e remeletse thata mo go kwaleng dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho, go kwala dikipara le go tsaya a bo a tlhatswa dinepe.

A re go le gantsi o bereka le mekgatho e e ikemetseng ka nosi le batho fela ka bongwe ka bongwe.

Mme Rantatana a re lerato la kgwebo le patagane le go dira ka diatla, ke tsone tse di mo gwetlhileng go simolodisa kgwebo e, a tlatsa ka gore o rata segolo bogolo go kwala dikipara ka go mo fa monyetla wa go tshameka ka mebala le go itshupa bothakga.

O tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e na le mosola mo morafeng ka gore go le gantsi ditlamelo di tshwana le go dira dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho di ntse di dirwa kwa Mahalapye, mme kgwebo ya gagwe e fokoleditse batho mosepele wa go latela tirelo e kwa ntle.

Le fa go ntse jalo, a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, ya gagwe le yone e na le dikgwetlho. A re kgwetlho e tona e a e itemogetseng ke ya kgaisano e a e fiwang ke ba poso, ka jaana ba dira ba bo ba rurifatsa meriti ya ditankana le Omang, selo se ene a sa se direng, ka a sena tetla ya go rurifatsa.

A re se, se dira gore batho ba ye kwa posong, kwa ba tlaa bonang dithuso tsotlhe teng. Fela a re o namediwa pelo ke gore kgwebo ya mofuta o, ga e ntsi mo motseng, ka e dirwa ke ene le ba bangwe ba le babedi fela.

Mo go tsa madi, Mme Rantatana a re o itshimololetse kgwebo e ka madi a a tswang mo pateng ya gagwe. O supile fa a ne a bereka mo komponeng nngwe ya insurance, lobaka lwa dingwaga tse pedi. A re maikaelelo e ne e le go boloka madi a a ka mo thusang go simolola kgwebo ya gagwe.

Mme kwa phelelong a kgona go boloka madi a a kanang ka P25 000, a e leng one a a dirisitseng go bula kgwebo ya gagwe.

Fa a tswelela, a re mo nakong ya gompieno o isitse kopo kwa lephateng la banana go kopa madi a tlatso. A re o na le letlhoko la didirisiwa di tshwana le dibala makgolo ka mo nakong ya gompieno o dira ka tse tharo fela, mme go itshupile fa di sa lekana.

A re go le gantsi o tlhaelelwa ke madi go reka tse di tlhokegang, a tlhalosa gore go le gantsi batho ba batla dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho tsa boleng jo bo kwa godimo, mme ka di tura, a palelwe ke go ba thusa a bo a fetwa ke madi.

Ka jalo, o dumela gore fa kopo ya gagwe e ka atlega, kgwebo ya gagwe e tlaa tsamaya ka thelelo, gape a kgone le go thapa mothusi, ka tiro e kgona go nna ntsi mme e mo palele ka a sena mothusi ntateng ya tlhaelo ya madi.

Fa a wetsa, o rotloeditse banana ba bangwe go ikemela ka dinao go na le go baya sengwe le sengwe mo maruding a puso.

A re ba itlhamele dikgwebo ka di ka ba tshetsa, jaaka fa ene a ipelege ka ya gagwe, ka e mo direla madi a itshetso. A tlatsa ka gore, se se ka ba thusa go tswa mo mekgwatheng mo go bakiwang ke go nna fela ba sa dire sepe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : Shoshong

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2015