Malope o kopa makhanselara go tsena diphuthego
30 Jul 2015
Kgosi Malope II wa Bangwaketse o kopile makhanselara a kgaolo ya Borwa go tsena diphuthego tsa kgotla fa a di biditse.
Kgosi o ikuetse jalo a amogela mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo ya magae Mme Botlogile Tshireletso mo Kanye bosheng.
A re go le gantsi o bona makhanselara fela mo diphuthegong tse di biditsweng ke matona a puso.
A re go botlhokwa gore ba ne ba kopana e le baeteledipele ba setshaba go ngunanguna ka dikgang tsa kgaolo ya bone eseng fela ka nako ya diphuthego tsa matona a puso.
O tlhalositse gore go dira jalo go ka thusa go tla ka megopolo e e ka tlhabololang kgaolo ya bone.
E ntse e le mo phuthegong eo, e e neng e itebagantse le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kgotsa VDC, maloko mangwe a ne a kgalela makhanselara mangwe go tlhoka go dirisanya sentle nabo mo tirong ya bone.
Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya kgaolwana ya Dilolwe, Mme Agnes Tumediso a re bangwe mo setshabeng ba leba tiro ya VDC ka lonyatso ka ba dumela fa maloko e le batho ba ba sa itewang seatla mo go kalo.
Mme Keabonye Masilonyane wa komiti ya Mathubapula le ene o ne a tlhalosa fa mangwe makhanselara a kgokgontsha maloko a dikomiti tsa VDC. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Jul 2015






