Breaking News

Mogolwane o kopa balwetse go babalela botsogo

30 Jul 2015

Mogolwane wa sepatela se se botlana sa Good Hope, Mme Monicah Dikupe, a re ga a
itumedisiwe ke balwetse bangwe ba ba sa babaleleng botsogo jwa bone.

A re balwetse ba go nna jalo ba  emisa go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV.

E rile a bua mo phuthegong ya
kgotla kwa Metlojane bosheng, Mme Dikupe a re go tlogela dipilisi tse, go
borai fela thata ka a re go koafatsa mmele mo e reng jaanong fa balwetse ba di
 simolola sesha go nne thata gore ba tokafale mo nakong e khutshwane mo bontsi
bo felelang bo tlhokafala.

A re selo se sengwe se se
tshwenyang ke gore balwetse ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare o, ba nna fela
ba sa bone dingaka jaaka ba tshwanetse, mme a re selo se se borai fela thata ka
gore go tshwanetse ga bonwa gore a mme dipilisi di dira sentle mo mmeleng wa
balwetse le gore masole a mmele a a fokotsega kgotsa a a oketsega.

Mme Dikupe o ne a tlhalosa fa
go sa eteleng ba bongaka morago ga dikgwedi tse tharo dingwe le dingwe jaaka e
le tshwanelo go kgoreletsa tsamaiso ya go nna jalo.

O kopile banni ba Metlojane go rotloetsa balwetse kwa malwapeng
a bone ba ba nwang dipilisi tsa diritibatsi le go ba fa lorato , a re fa go na
le yo o ganang go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba itsise ba sepatela gore go
tsewe kgato nako e sale teng, ba seka ba emela gore balwetsi ba gatelelwe a bo
e le gone ba begelang ba botsogo.

Mme Dikupe a re ga a
itumedisiwe ke seemo se o fitlhelang balwetse ba robaditswe ko sepatela mme ba
sa tlholwe.

 A re ga se gore fa balwetse ba le kwa sepatela ba tshwanetse go
tlhokomologiwa, go tlogeletswe ba booki ba le bosi, a re go dira jalo go
utlwisa balwetsi botlhoko mo go felelang go ama botsogo jwa bone go ba go dira
gore ba nne le boitlhobogo mo go reng ba tlaa tokafalala.

Mme Dikupe o rotloeditse
banni gore ba itse fa ba na le tshwanelo ya go itse ka seemo sa bolwetsi jwa
balwetse ba bone fa ba robaditswe kwa sepatela, o ba kopile go seke ba emela
nako ya fa molwetsi a gateletswe fela a bo e le gone ba botsang dingaka gore
seemo ke eng,a re le fa molwetse a sidilega ba tshwanetse ba itse gore seemo sa
bolwetse ke sefe.

E rile a ba tlhalosetsa a ba
bolelela gore ga se gore mongwe le mongwe o tlaa bolelelwa ka seemo sa botsogo
jwa molwetse a re batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse seemo sa bolwetse
jwa balwetse ba bone ke batsadi,bana ,monna kana mosadi wa molwetse. A re
bolwetse ke sephiri sa motho ka jalo ke gone mo go ka sekeng ga bolelelwa
mongwe le mongwe.

Fa a tswelela Mme Dikupe a re
lenaneo la go thibela mogare go tswa mo go mmangwana go ya ko loseeng le
tsamaya sentle mme a re o sebete se molangwana ka gore borre ba boutsana go tla
le bakapelo ba bone kwa dikokelong.

O rotloeditse borre go tla le
bomme ba bone kwa itlhatlhobong le tshidilo ka nako ya boimana ka jaana ngwana
e le wa batho ba le babedi e bile bobedi joo bo tshwanetse jwa itlhatlhoba
mmogo le go etela bookelo mmogo ka dinako tsotlhe go fitlhela lesea le belegwa.

O rotloeditse batsadi go
direla bana ditlankana tsa matsalo a re batsadi ba tswhanetse gore e re ba
etela bookelo dibeke tse thataro morago ga pelegi ba bo ba tshotse ditlankana
tsa bana tsa matsalo e seng gore ba letele nako ya ngwana a ya go kwadisiwa ko
sekoleng a bo e le gone ba tabogang ba di batla,a re go dira jalo ke go tlhoka
boikarabelo ga motsadi.

Mongwe wa banni Rre Gosiame
Molefe o ne a re badiri ba sepatela ka bontsi ja dinako ba lathelela balwetse,
a re gantsi ba thusa fela balwetse ba ba gateletsweng a re mme selo seo ke sone
se kgobang morafe marapo go ya go itekodisa ba bongaka.

Rre Molefe o ne gape a
ngongorega ka dipilisi tsa madi a matona a re ga di yo mo dikokelong ,mme a
supa fa ba sokola,a re mme le fa matshwenyego a le kalo gone bangwe badiri ba a
leka,a re e kare ba bangwe ba ka rotloetsega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : Lobetse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jul 2015