Baikepi o tshela ka legong
30 Jul 2015
Mme Manyemudzo Baikepi wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume o ikana gore ga gona se se tlaa mmusetsang morago mo go batleng ditsela tsa go itshetsa.
Ka jalo ga a ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le a ka le dirisang go betla.
Mme Baikepi, yo o dingwaga tse di masome mane, a re rraagwe e ne e le mmetli wa dikika, dijokwe le dilo ka go farologana.
E rile mmonnamogolo a sena go hulara, Mme Baikepi a tsaya di dirisiwa tsa gagwe gore le ene a lekeletse gore o ka seke a dire jaaka a ne a bona rraagwe a dira.
A re ka lone letsatsi leo ga a ka a leba kwa morago. O ne a tswelela a dira mme a bona batho ba kgatlegela tiro ya gagwe, selo se se neng sa mo tiisa moko.
O tsweletse a bolela fa tlhotlhoetso e a neng a e fiwa ke batho ba motse e ne ya dira gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya go betla dikika, metshe, ditilo le tse dingwe.
A re e ne ya re a santse a tshwere ka thata a dirisa didirisiwa tsa ga rraagwe, ofisi ya boipelego ya mothusa ka thulaganyo ya nyeletso lehuma ka go mo rekela dishaga le di dirisiwa tse dingwe tse di botoka mo go tse a neng a di dirisa pele.
Mme Baikepi re seo se ne sa motlhofofaletsa tiro. Mo nakong ya gompieno legong o le leba ka matlho fela go be go tswa se a eletsang go se dira ka ponyo ya matlho.
A re le dilo tsa gagwe di kgona go rekwa fela thata ka thusa ya ofisi ya nyeletso lehuma.
Mme Baikepi, yo o o nang le bana ba le bararo, o supile fa a kgona go tlamela bana ba gagwe le go ba tsenya dikole ntle le matshwenyego ape.
O ne a gwetlha bomme ba bangwe go ema ka dinao go na le go ikaega ka borre.
Mme Baikepi o dumela gore motlhala wa khumo o mo ntsi mme o tlhoka balatedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2015






