Kereke e agela mogodi ntlwana
29 Jul 2015
Mogodi wa kgotlana ya Boseja, Rre Basinyi Pompong wa dingwaga tse di 96 o ne a tleketse ka boitumelo morago ga gore abelwa ntlwana ya boitiketso ke maloko mangwe a kereke ya Roma.
Rre Pompong o ne a thaela le gone go ka fetisa mafoko a malebo. Ke mogodi yo a sa kgoneng go tsamaya mme o mo tlhokomelong ya khansele le bana ba gagwe ba basetsana ba le babedi.
Maloko oa a tswa mo mafelong otlhe a a mo bokone jwa lefatshe leno mme a tlwaelesegileng go bitswa kopano ya Sacred Heart Sodality a ne a kokoane mo Maun go tsena kopano ya bone ya ngwaga.
Fa a bua kwa kabong seemuso ya ntlwana eo, moeteledipele wa kopano Rre Robson Phumaphi a tlhalosa fa ba itebagantse thata le go thusa batlhoki, bana ba dikhutsana le bagodi. A re maikaelelo magolo a bone ke go hapa dipelo tse di botlhoko ka go supa lerato le bopelotlhomogi.
A re ba ne ba ngomoga pelo go bona monnamogolo a sena ntlwana ya boiteketso mme ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso.
A re ba ne ba ikanapa mme ba felela ba mo agela ntlwana eo ya boitiketso.
Bogogi jwa kgotla ya Boseja bo ne bo tsene tiro eo mme bo ne jwa akgola ba kereke ya Roma go bo e tsibogetse mokgosi wa ga Tautona wa go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Kgosi, Kegaisamang Ramokwena wa Boseja a re maloko a kopano a supile mautlwelo botlhoko mo motsading wa bone ka ba lemoga fa a sa ineye sepe.
A re go a itumedisa go bona dikereke le tsone di tsenya letsogo mo go direleng setshaba a re ba supile yone pelo e e boitshepo.
O tsweletse a re e re ka kopano ya bone e itebagantse le go dira ditiro tsa bopelotlhomogi, ba kaile fa mokeresete a bonwa ka ditiro tse dintle.
Kgosi Ramokwena a re ba setse motlhala wa moporefiti yo mmotlana mo Baebeleng ebong Malaki wa go supa lorato le go kgathala ka ba bangwe.
O gwetlhile maloko ao go ngaparela mowa wa tumelo le gone go o jwala a re Modimo o tlaa ba neela tuelo e kgolo ka jaana ditiro tsa bone di bonala.
A re dikereke tse dingwe di na le mekgatlho mme e tlhaela go direla setshaba mme lefoko la Modimo la re tumelo e e senang ditiro ke moka e suleng.
Kgosi a re ba tswelelele ka mowa wa pelotlhomogi a re o solofela fa ba bangwe ba tsaya malebela. O ne a kgothatsa borre le bone go tsena mo mekgatlhong gore seabe sa bone se bonale a re go le gantsi bomme ke bone ba dipalo di kwa godimo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Boseja Rre John Keesi o ne a leboga maloko a kopano a re ba dirile tiro e ntle mo kagolong ya gagwe. A re ga ba a ipona tsapa gore e re Tautona a kua mokgosi a re bonang ba ba mo letlhokong ba seka ba iteba ba le bosi.
Rre Keesi a re ba itiretse leina ka jaana mang le mang a bona motlhala wa bone.
Fa a ntsha mafoko a malebo, mokhanselara wa kgaolo Rre Keebonye Mphoyamodimo o ne le ene a galaletsa maloko ao go bo ba tsile monnamogolo matshediso.
A re e le ruri ba utlwile mokgosi wa ga Tatutona mme a ba kgothatsa go tshawara fela jalo.
A re ba tswelele ba lebe lefatshe ka bophara, ba thuse fa ba kgonang teng a tlatsa ka gore tuelo ya bone e kwa legodimong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 29 Jul 2015






