Bogodu jwa leruo bo a tlhobaetsa
29 Jul 2015
Motshwarelela mookamela mapodisi a Bobonong, Assistant Superintendent Nshaki Mabophiwa, a re le ntswa ba segile tema mo mererong ya twantsho borukhutlhi, o santse a sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo jo bo apesitseng kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba.
Mo potsolotsong Rre Mabophiwa o kaile fa kgaolo ya gagwe e lebaganwe ke kgwetho e tona e e rotloetsang gore bogodu jwa leruo bo atle ka e tletse ka melatswana e e emang metsi.
A re se se dira gore leruo le nwe metsi gongwe le gongwe mme ka jalo go nne thata gore beng ba lone ba le laole.O kaile fa magodu ba lalela leruo la mothale o, mme e re ba bona tshono ba le gatelele.
Rre Mabophiwa a re ba itemogetse fa bontsi jwa nako badira molato e le batho ba ba leng magorogo masha go tswa kwa dikgolegelong.
A re se se a tshwenya ka tsholofelo e le gore kgolegelo e tshwanetse kwa motho a agwang sesha teng, gore a fetlole mekgwa ya gagwe.A re go ngomola pelo gore ere motho a sena go disa poo lebaka le feta ngwaga tse tlhano a bo a setse a ikgata motlhala go boela kwa kgolegelong.
Rre Mabophiwa o gakolotse batsadi go tsenya leitlho thata boitsholong jwa bana ba bone.
O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba tlogelang bana ba le nosi mo malwapeng fa bone ba nna kwa masimo, a kaya fa se se neela ngwana tshosologo ya go dira se a se batlang ka naga e senang khudutlou bo lobeto ba ipha naga.
Le fa go ntse jalo a re seemo se sengwe se se tshwenyang ke go thujwa ga marekisetso mme a gakolola bagwebi gore dikago tsa bone di babalesegile.A re marekisetso mangwe a ageletswe ka ditena mme se se fa magodu sebaka sa go senya ba tshosologile ka go sena mofiti ka tsela yo o ka mmonang.
O akgotse bagwebi ba e reng fa ba sepodisi ba kua mokgosi go tshwara diphuthego tsa go tswa ka metlhale ya go lwantsha borukhutlhi ba nne tsebe ntlha go utlwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Basuti
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 29 Jul 2015






